Banni ba ntsha megopolo ka diterena
16 Feb 2020
Banni ba Mahalapye ba lebogetse go fiwa sebaka sa go tswa ka megopolo e e ka thusang go hema dikotsi tsa diterena.
Ba ntshitse megopolo mo phuthegong ya kgotla bosheng ee neng e biditswe ke lekoko le le tlhotlhomisang se se bakileng kotsi ya terena ka Sedimonthole ngogola.
Terena ya batho ya BR 0501 e e neng e ya Francistown e ne ya nna le kotsi magareng ga noka ya Bonwapitse le Pallaroad mme ga tlhokafala babereki ba Botswana Railways ba le babedi.
Kgosi Bohitlha Bele wa kgotla ya Kanamo o gakolotse boeteledipele jwa Botswana Railways go tlhomamisa gore seporo se nna se babalesegile ka dinako tsotlhe.
A re dikotsi dingwe tsa terena di ka hengwa ka go tlhokomela seporo le metshalakgabo ya sone.
Monni, Mme Cathrine Kapo, a re thapelo ke yone e e ka fenyang dikotsi, ka jalo a gakolola gore go botlhokwa go nna go rapelelwa metsamao ya diterena a supa gape fa seporo se tlhoka go ntshafadiwa.
Mme Monty Moseki, yo o tlhokafaletsweng ke motsadi ka kotsi ya terena ka 1968 a re dikotsi tsa terena di a hutsafatsa ka a dumela gore BR e ka hema dikotsi fa e ka netefatsa gore e dirisa motor trolley go sekaseka seemo sa seporo gore se itekanetse go le kae pele ga mesepele yotlhe ya diterena.
Go hema dikotsi tsa diterena, Rre William Mhandu yo o berekileng mo ditereneng kwa Zimbabwe le Botswana dingwaga di le masome a mararo le borataro, o supile matshwenyego a gore badiri ba diterena mo malatsing a gompieno ga ba sa tlhole ba tsaya papalesego ya terena ka tlhwaafalo.
Rre Mhandu a re seporo se kile sa ntshafadiwa bosheng ka jalo, go seka ga ipatiwa ka seemo sa sone.
O gateletse gape gore go botlhokwa gore babereki ba ba amanang le tiriso ya diterena, ba tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo le ka boineelo.
Monana, Rre Samson Marcelino yo o tlhalositseng fa e le modirisi yo motona wa terena, o gateletse botlhokwa jwa gore babereki ba netefatse gore tsotlhe di bereka sentle pele ga go simololwa mosepele.
Fa a lebogela megopolo le dikakgelo tsa morafe, Modulasetilo wa lekoko, Rre Olefile Moakofi o tlhalositse fa lekoko le ithutile go le gontsi mo megopolong le dikgakololo tsa morafe.
“E tlaare kwa bofelong jwa letsatsi, Batswana ba tlaa nna le go tiya moko, go boela mo tereneng ka go bona gore bogogi bo okametswe ke puso ya rona, bo diragaditse tse di kailweng le tse go builweng gore di diragadiwe,” Rre Moakofi a tlhalosa.
Rre Gofaone Morweng yo e leng leloko la lekoko a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a bona go le matshwanedi ka tsamaiso ya melao ya diterena go tlhoma lekoko le maloko a lone a tswang mo maphateng ka farologana, go tlhotlhomisa se se bakileng tiragalo e. Rre Morweng a re tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Thulagano Segokgo o ne a kgobokanya lekoko le, mme la simolola ditlhotlhomiso kgwedi ya Hirikgong monongwaga.
Lekoko le ne la simolola ka go botsotsolotsa babereki ba Botswana Railways le baitseanape bangwe.
A re maikaelelo a ditlhotlhomiso tse ke go phutha megopolo ka se se diragetseng le gore go ka tokafadiwa jang seemo sa itshireletso kwa lekalaneng la diterena.
“Ka jalo, re ne ra bona gore go tlaabo go le thona gore e re re ntse re tsweletse re dira ditlhotlhomiso, tsa rona a bo re tlola beng ba seporo, e leng baagi ba Mahalapye,” Rre Morweng a tlhalosa.
“Re batla go anya mo go lona gore fa e le gore o kile wa dirisa terena, maitemogelo a gago e ne ya nna eng, ebile o batla gore go dirwe eng go hema dikotsi le go tlhabolola pabalesego ya go dirisa diterena,” Rre Morweng a supa.
O tlhalositse fa lekoko le tlaa rolela tona ditshekatsheko fa Mopitlo a ya fifing.
A re maduo a ditlhotlhomiso, a tlaa thusa go netefatsa gore pabalesego ya tiriso ya diterena ke ya maemo a a kwa godimo.
A re lekoko le ikemetse ka nosi, ka jalo ga le tseye letlhakore ebile ga le amane ka gope le Botswana Railways le ntswa bangwe ba maloko e le baitseaanape ba ba berekileng kwa lekalaneng leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Feb 2020