Breaking News

Tsogwane o gomotsa boora-Shanganya

13 Feb 2020

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o gomoditse boora-Shanganya kwa Mmadinare morago ga gore bana ba le babedi ba tlhokafale ba sena go tsewa ke metsi mo molapong  oo ralalang motse.

Mosetsanyana, yo o dingwaga tse di boferangbongwe le mosimanyana yo dingwaga tse thataro, ba tserwe ke metsi ba leka go kgabaganya molapo ba tswa sekolong ka Mosupologo.

Rre Tsogwane, yo o neng a etetse lelwapa leo ka Laboraro, o tlhalositse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le ene a itse ka mathata aa ba tlhagetseng mme le ene o rometse kgomotso.

O tlhalositse fa leso e se selo se se tlwaelesegang, mme fa nako eo e tsile, batho ba tshwanetse go amogela se se diragetseng.

A re le fa batho ba tsamaya ka tsela tse di farologaneng le ka nako e farologaneng, go botlhoko ka gore batsadi ba bana ba ne ba lebile mo go bone.

Rre Tsogwane a re melapo e borai ka gore e kgona go tla e rwele metsi a mantsi le ntswa pula e sa  na ka bokete mo lefelong leo. 

Mothusa tautona o supile fa go le botlhokwa go bona gore bana ba sireletsegile ka nako tsotlhe.

A re maikalelo a puso ke go batla tharabololo ka metsi aa fetang mo gare motse oo.

Mongwe wa losika la bana ba ba tlhokafetseng, Rre Moitseemang Seloka, o ne a lebogela Mothusa Tautona go tsaya matsapa a go ba gomotsa.

Rre Seloka a re molapo wa Sampopela o setse o epegile mo e setseng ele noka.

Motsadi, Rre Thomas Shanganya ene o lebogetse lerato le kemonokeng ya boeteledipele jwa lefatshe. A re se se diragetseng ke sebetso sa tlholego ka jalo go seka ga nna le ope yo o ka supiwang ka monwana.

 

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, o lebogetse Mothusa Tautona go bo a tsere matsapa a go ya go gomotsa morafe wa Mmadinare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MMADINARE

Event : Bokopano

Date : 13 Feb 2020