Breaking News

Lentsweletau o nyoretswe ditlhabololo

12 Feb 2020

 Lentsweletau, fela jaaka metse e mengwe, o na le ditso tse di ka eletswang ke ditshaba tse dingwe. 

Tlholego ya morafe le ditso tsa one le tsone di ka fa motse serite. 

Baagi ba motse o, ba na le tsholofelo ya gore dikopo tsa bone tsa gore ba ba tlhokomelang mafelo a ditso ba ba sekegela tsebe gore mafelo mangwe a motse o a fetolelwe go nna a bojanala di tlaa arabiwa. 

Bakwena ba lekile go supa keletso ya bone kwa lephateng le le tlhokomelang mafelo a matlotlo a ditso mme ba seka ba atlega ka jaana ba matlotlo a tlholego ba leba lefelo le le mo lentsweng e le lone lefelo la motia le le ka tlhabololelwang bojanala. 

Se, ga se a ka sa kgoba banni ba Lentsweletau marapo ka jaana ba na le keletso ya go simolola lefelo la matlotlo a ditso la sennela ruri mo motseng. 

Mo potsolotsong, kgosi wa motse o, Kgosi Morulaganyi Makgasana a re go na le mafelo a mangwe jaaka lefelo la ledung, dithaba tse di emeng di okame motse o, jaaka thaba ya Tlhataganyane, Morongwa, Lentsweletau, Tlowe le Tloane. 

A re motse o ka tswa o na le batho ba le dikete di ferabobedi go balelawa le batho ba metsana e e mo tikologong, mme gantsi batho ba merafe e seng ya Bakwena ba gogelwa mo motseng o ke gore o gaufi le Gaborone. 

Lentsweletau ke motse o o anameng mo bokone-bophirima jwa Molepolole. 

Ke mongwe wa metse e e simologileng maloba jale fa Batswana ba santse ba rutwa tumelo ya sekeresete ke batho basweu ka dingwaga tsa bo 1911. 

Kgosi Makgasana a re moruti wa ntlha wa lefoko la modimo go etela motse o ke Dr Alfred Merriweather, yo o neng a simolola kago ya kereke e e neng e agilwe ka mmu le bojang ka ngwaga wa 1916.

 A re e rile ka 1929, Oletile Motswakhumo, eleng mongwe wa bogosi jwa Bakwena a simolola sekolo sa ntlha se se botlana se se neng sa bidiwa Masonya, mme se ne se simolola ka Sub-A le Sub-B, go tsweng foo moithuti a bo a dira mophato wa ntlha go ema ka wa borataro.

 Kgosi Makgasana a re Kgosi Motswakhumo Kgosidintsi  o ne a kopa tetla mo go Kgosi Sechele II go ya go dira moraka kwa lefelong le motse o agilweng mo go lone ka le ne le mo kgatlhile thata ka bontle jwa lone, ka go lebega jaaka molatswana o o fa gare ga dithaba. 

Ka fa a bolelalang ka teng, a re ditso di supa gore o ne a na le Paledi, Barongwang le Semauswane e le bomonnawe. 

O ne gape a bolela go re sengwe se se ka gakologelwang gape ka motse o ke leuba le le kileng la wela Bakwena, le le neng la dira gore batho ba tshele ka go ja motlopi le medi mengwe ya ditlhare ka ngwaga wa 1935. 

Kgosi Makgasana o tsweletse a re mo nakong eno, ditlhabololo ga di a salela kwa morago mo go kalo ka jaana ba na le kago ya bookelo e e dirisiwang bosigo le motshegare, dikolo tse dipotlana di le pedi le se segolwane, mme gape motse o tlhomilwe go nna kgaolo potlana ka ngwaga wa 2004. 

Mothusi wa gagwe, Kgosi Lebotse Kgosidintsi, fa iteela kobo moroko o ne a bolela fa motse o sena sekolo sa ithutelo tiro ka diatla, bookelo, mme a re ditlhabolo tsa go nna jaana ba sa le ba disolofediwa mme nako kgolo ke eno. 

A re banni ba tshwenyegile ka tsela e e yang kwa Molepolole a re ba ne ba kopile ba ba maleba go tlhabolola tsela ka e le yone e ka bagorosang ka bonako. Kutlwano

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : GABORONE

Event : Posolotso

Date : 12 Feb 2020