Breaking News

Thibelo borukhutlhi ke maikarabelo a botlhe

11 Feb 2020

Mookamedi wa ofisi ya sepodisi ya Mochudi a re thibelo le twantsho borukuthi ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe.

Fa a akgela kwa phuthegong ya kgotla ya modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Dick Busang o ne a re mapodisi a tsweletse ka go rotloetsa morafe go ikgolaganya le dikomiti tsa twantsho borukhuthi go fema borukhutlhi. A re fa e le gore ga go na komiti e, a banni ba ikgolaganye le mapodisi ba rutuntshiwe go ikemela ka dinao ba lwantshe borukhutlhi.

Rre Busang a re ga ba kake ba kgona go dira tiro e ba le nosi ka e bile ofisi ya gagwe a thusa metse e le mentsi mme ditlamelo di tlhaela.

“Jaanong go mo go rona go bona gore re a tshwaragana, re dire ntebele ke go lebele, re seka sa tsamaya masigo re le nosi, re gwetlhege go bona gore re a itsane re le baagisanyi,” a rialo Rre Busang.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma mo Kgatleng Mme Khutsafalo Mogotsi o rotloeditse badirisi ba lenaneo le go itsaya tsia gore ba kgone go atlega. A re motse wa Bokaa o filwe mananeo a nyeletso lehuma a le masome a mabedi le borobabongwe, mme a le masome a mabedi le botlhano a a thenyathenya.

“A le mane fela ke one a atlegileng mme a tsweletse ka go gola.

Lenaneo la landscaping, bakery le textile ke o ne a ke a gakologelwang gore a atlegile,” a rialo Mme Mogotsi.

A re go a tshwenya gore fa batho ba fiwa mananeo a puso go ithusa go bo go na le bangwe ba ba sa a diriseng, ka se se busetsa puso morago mo maitekong a yone.

“A batho ba tlhoafalele lenaneo le ba itsose,” a tshwaela.

Rre Joseph Sebina, yo e leng mokhanselara wa Bokaa, e bile a filwe boikarabelo jwa go kgaoganya madi a khansele, a re maduo a bana ba dikole a a tshwenya.

A re o tshwenngwa ke dipalamo tsa setshaba tse di tsayang bana ba dikole ka diletso tse di lelelang kwa godimo le go pega bana ba ba fetileng palo.

“A seemo se re le ba khansele le mapodisi a kgaolo re se potlakele ka matshelo le bokamoso jwa bana ba rona di tshwanetse go tokafadiwa,” a rialo Rre Sebina.

Rre Sebina o supile fa bosheng a ne a isa bana ba le masome a mabedi le bongwe go tswa mo kgaolong go ya go iteka lesego go tshamekela setlhopha sa Township Rollers sa dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mabedi le bongwe.

A re ba le bararo fela ke bone ba kgonneng go atlega, mme se e le tshwanelo ya go ba rotloetsa le go ba ilela.

“A re leseng go nwa majalwa le bana ba rona.

A re ba rotloetseng ba tsenelele metshameko ka dinako tsa gompieno ba ka itshetsa le go ya mafatsheng ka yone,” a feleletsa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Bokaa

Event : Phuthego

Date : 11 Feb 2020