Ga ke a tlhophisiwa sentle
10 Feb 2020
Mosupi mo tshekong ya go ngongoregela maduo a ditlhopho, Mme Tebalo Molapo o boleletse kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone ka Matlhatso gore go tlhoka go rutega le pono e e koafetseng di dirile gore a seka a kgona go tlhopha phathi ya sepolotiki ya pelo ya gagwe.
Rre Mogalakwe Mogalakwe wa phathi ya Alliance for Progressives (AP) o ngongoregela maduo a ditlhopho tsa setshaba tsa bokhanselara jwa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong.
Mme Molapo a re o ngongoregela gore mme yo o neng a mo thusa ga a a mo direla sentle ka gore o boetse kwa lwapeng ntle le go rurifalediwa gore ka boamaruri o tlhophetswe phathi ya gagwe.
“Ga ke itse motho yo o neng a ntlhophisa. E ne e le mosadi. Ga a a ntirela sentle. O ntlhophetse mo ke sa batleng teng.”
E rile a bodiwa ke mmueledi wa moikuedi, Rre Faustino Ngandu, gore o ne a batla go tlhopha phathi e fe, Mme Molapo a supa sekano sa phathi eo ka go dirisa menwana ya mabogo.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore ga a itse yo o neng a eme ka sekano sa phathi e a neng a batla go e tlhopha.
A re le fa a sa itse leina la phathi e a neng a batla go e tlhopha, o dumela gore ga a a tlhophisiwa sentle, ke ka moo a bonyeng go le botlhokwa go tla go rola ngongorego ya gagwe fa pele ga lekgotla ka go ntsha bosupi.
Mme Molapo a re ka gore ga a bone, o ka bo a rurifaleditswe ke ba ba kgonang go bona (go kwala le go bala) gore ka boammaaruri o tlhophile sentle.
“Fa nkabo ke thusitswe ke motho yo o bonang, o ka bo a nthusitse gore ke tlhophe sentle,” ga tlhalosa Mme Molapo.
Ke thusitswe ke mosadi yo ke sa mo itseng, a itirela dilo di sele, fa o sa rutega e bile o sa bone ga o thusiwe sentle le fa o ka tswa o boleletse motho gore a go thuse jang,” a tswelela a tlhalosa.
“Ke ne ke mmoleletse gore ga ke bone, mme a mpolelela gore o tlaa ntlhophela ka fa a batlang ka teng. Ke ne ke na le monnamogolo wa me, mme ba gana ke tsena le ene. Monnamogolo wa me o botoka o a bonabona, o ka bo a nthusitse ka gore ene o tlhophile sentle ke jaaka le bona a seyo fa,” ga tlhalosa Mme Molapo.
Mmueledi wa mongongoregi wa bobedi, Rre Busang Manewe o ne a botsa Mme Molapo gore ka gore ga a itse go bala le go kwala gape ga a bone sentle, o tlhomamisa jang gore mme (mosadi) yo a neng a mo thusa o mo tlhophetse phathi e sele. Mme Molapo a re o dumela gore ga a a tlhophelwa sentle ka gore morago ga go tshwaya talama a thusiwa ke mosadi yo a sa mo itseng go ne ga seka ga nna le ope yo o bonang go rurifatsa gore o tlhophetswe sentle.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Kgotla tshekelo
Date : 10 Feb 2020



