Monna o ikaleditse ka momeno wa borokgwe
10 Feb 2020
Monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le bobedi le masome a mane le botlhano o fitlhetswe a akgega mo setlhareng morago ga go belaela fa a bolaile mokapelo wa gagwe ka go mo kgama kwa Tshimoyapula ka mafelo a beke.
Tiragalo e, e diragetse Tlhakole a le malatsi a matlhano.
Mogolwane wa sepodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, o boletse fa moswi yo o tlholegang kwa kgotleng ya Makanana kwa Serowe, a ne a tlhoka kutlwisisanyo le mokapelo wa gagwe mo ba feletseng ba lwa ya dira ga di bonwe.
Superintendent Oteng a re mme yoo wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le bobedi le masome a mararo le botlhano ke wa kgotla ya Kgala kwa Mabeleapudi.
A re moswi o tshwanetse a ne a belaela fa mokapelo wa gagwe a tlhokafetse morago ga go mo tlogela a namaletse a sena go mo kgama.
Superintendent Oteng a re e ne ya re go thanya mo maibing, mme yoo ke ene a neng a ya go bega kgang kwa mapodising, gore o iteilwe ke mokapelo wa gagwe bosetlhogo.
E rile letsatsi le le latelang fa ba sepodisi ba batla monna yoo, ba mo fitlhela a akgega mo setlhareng.
Superintendent Oteng a re moswi o dirisitse (letheka) la borokgwe go ikaletsa, a supa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Mo kgannyeng e nngwe mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone teraka e gatileng rre wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano kwa merakeng ya Ratshukudu go bapa le Mabuo.
Superintendent Oteng a re go bolelwa fa koloi eo e ne e pegile batho ba supa mme ya re mo tseleng ya tima.
A re mokgweetsi o ne a belaela fa megala mengwe ya lelatlha e somogile mme a ya go e okomela a e lomaganya.
Mo sebakeng seo, a re rre yoo o ne a ya go robala kwa morago ga teraka fa e santse e baakanngwa.
A re e ne ya re mokgweetsi a fetsa go baakanya, a dumisa teraka mme a leka go boela kwa morago mme a gata rre yoo, yo e leng monnawe mokgweetsi.
Supt Oteng a re rre yoo, o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa Serowe, kwa go rurifaditsweng fa a tlhokafetse.
Ditlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
Supt Oteng o boletse fa mokgweetsi a ne a sena teseletso ya go kgweetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsoloso
Date : 10 Feb 2020