Kgagodi o lela ka bogodu jwa leruo
09 Feb 2020
Kgosi Monnawatala Kgagodi wa Kgagodi o supile fa bogodu jwa loruo bo ile magoletsa kwa motseng oo, selo se a reng se tsentse tlhobaelo mo baruing.
Kgosi Kgagodi o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi bosheng.
O tlhalositse fa go utswiwa ga leruo le tshwana le ditonki, dipodi le dikgomo go dirwa ke banana, a re barui ba Kgagodi ba setse ba dule batlhoki ka magodu a ba amogile di tsa bone.
Kgosi a re bogodu bo rotloediwa ke batsadi ba ba bipang mpa ka mabele le ntswa ba bona ditiro tse di maswe tse di dirwang ke bana.
A re magotswana ao, a setse a latela leruo le tshwana le dipodi mo masakeng, mme a kopa puso go gagamatsa dikatlholo tsa bogodu jwa loruo.
Mo go tse dingwe, kgosi o ne a supa fa a tshwenngwa ke go tlhoka go tsena diphuthego ga banana ba Kgagodi, a re bagolo ke bone ba ba santseng ba ya kwa kgotleng ntswa bontsi jwa bone ba sa tlhole ba kgona ka lebaka la bogodi.
A re se, se a tshwenya ka merero yotlhe ya tsamaiso lefatshe e direlwa kwa dikgotleng.
O supile fa se se diga serodumo se dikgotla di kileng tsa bo di itsege ka sone.
Mo mafokong a gagwe, Rre Molebatsi o supile fa kabo ya madi a setshaba e e sa tswang go feta e tsle go araba matshwenyego a Batswana ba ntseng ba lela ka one, a tshwana le letlhoko la boroko jwa barutabana, melemo kwa dikokelong le tse dingwe.
E rile a akgela mo mafokong a ga Kgosi, Rre Molebatsi o ne a kgala mokgwa o o maswe wa batho ba ba tsweletseng ka go amoga batho di tsa bone, mme a supa fa puso e tsentse leitlho thata mo dikgannyeng tsa go nna jalo.
Rre Molebatsi o kopile setshaba go thusana le mapodisi go bega dikgang tsa bogodu ka ba ka seke ba kgone ba le nosi.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o supile fa palamente ya gompieno e le pharologanyo ka e tletse ka banana ba ba nang le dithuto tse di ka tlhabololang lefatshe le batho ba lone mme ba ikaegile ka tebelopele ya setshaba ya 2036.
A re puso e setse e simolotse go tlhoboga di-tswa mmung ka e sa laole theko le ditlhwatlhwa tsa tsone, ka jalo ba tshwanetse go tswa ka megopolo e mesha e e ka reng mo isagong ya tsenyetsa lefatshe madi.
E rile ba akgela mo mafokong a ga mopalamente, mongwe wa bagolo Rre Tshwaraganang Kepaletswe a supa fa ba lephata la kabo ditsha ba ise ba ba neele ditlankana tse disha morago ga go potielwa ga ditsha.
Monni yo mongwe, Rre Kereng Koko o ne a supa fa lefatshe la Botswana le tlaa tswelela le nna le dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba sa berekeng fa le sa fetole tsamaiso ya thuto.
A re go tshwanetse ga lebelelwa se ngwana a se kgonang mme go itebaganngwe le sone ka e le sone se se ka tsogang se mo jesa.
Kwa bofelong mokhanselara wa Kgagodi/Diloro Rre Thabo Keosentse o supile fa tiro ya go baakanya kokelo ya Maokatuma e ne ya tswa ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola, mme go ne ga lemotshega fa go nnile le tsamaiso e e sokameng fa e ajwa.
Rre Koosentse a re seo ke sone se se diileng tiro go simolola, mme a rotloetsa ba ba maleba go ikgapha mo tshenyetsong setshaba ka e dia ditiro tsa puso go tswelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Kgagodi
Event : Phuthego
Date : 09 Feb 2020