Breaking News

Se bipeng mpa ka mabele

09 Feb 2020

Motshwarelela ramapodisi a Palapye Assistant Superintendent Molly Lebala-Moduke o kopile banni ba motse wa Pilikwe go tshwaraganela go lwantsha borukhutlhi ka go ba loma tsebe fa ba itse badira melato.

O buile jaqana mo phuthegong ya kgotla kwa Pilikwe bosheng, a re mapodisi a tshwenngwa ke borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong e a e okametseng ya Palapye le metse e e mabapi.

Mme Maduke a re go thujwa ga matlo le mabentlele a batho mo motseng bosigo le motshegare ke selo se se tshwenyang thata, mme go sena ope yo o ba lomang tsebe ka ditriragalo tseo, tse go belaesegang di dirwa ke bana ba motse ba ba itsiweng.

A re bogodu jwa dikgomo le dihutshane bo apesitse barui kobo ka letshoba, ka e bile go lebega bo dirwa ka dikoloi.

Mogolwane o ne a re ba tshwenngwa ke batho ba ba kgweetsang dikoloi ba sena teseletso, le dikoloi tse di sa kgethelweng mme di dirisiwa malatsi otlhe.

A re modumo wa diletso le go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ya bojwala ke molato.

A re go tlhoka go obamela dinako le melawana e e beilweng ya thekiso go felela go baka tlhoka kutlwisisano, dipetelelo le dintwa, ditlamorago tsa go nwa phetelela.

A re go na le borukutlhi jo bo tumileng jwa maranyane a mogala wa letheka, a e-wallet.

A re magodu a romela molaetsa wa madi mo megaleng ya batho mme morago ba letse ba re ba rometse madi ka phoso ba batla gore ba a busediwe.

A re bontsi bo latlhegetswe ke madi ka tsela e, ka jalo a kopa banni go nna podi matseba go hema go tswa setlhabelo.

Mme Maduke o kopile morafe go nna podi matseba ka dinako tsotlhe go ba loma tsebe ka borukutlhi jo bo ka diragalang ka se e le tsela ya go bo fedisa.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselera wa Pilikwe/Mhalapitsa Rre Kebadirile Ngongorego a re go na le leruo le le tletsetletseng mo Pilikwe mme e se la banni ba Pilikwe e le la metse e e mabapi.

A re motse wa bone o kile wa bo o di goga kwa pele ka bophepa mme mo nakong ya gompieno ba di goga kwa morago mme se se bakwa ke go gobea ga leruo le le gasagasang matlakala mo motseng.

O kopile gore ditsheko tsa leruo di tle mo lekgotleng la Setswana di tswe kwa ga makaseterata ka di ba palela mabapi le go tlhoka bosupi.

A re go tlhoka bosui moo go baka gore ba tswelele ba tshwenngwa ke dikgang tse di amang leruo.

O ne a kopa mapodisi gore ba thuse ka go na le batho ba bantsi ba ba gogang motokwane be bile go lebega o le montsi mo motseng.

Fa a tswa la gagwe, Sub Inspector Baboloki Machacha o ne a re o tshwenyegile thata ka batho ba ba rekisang majalwa a a sa letlelesegeng a tshwana bo sekipa se ntekane le bo mokoko o nchebile ka a le bogale e bile a sa siamela botsogo ja batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : Pilikwe

Event : Phuthego

Date : 09 Feb 2020