Modulasetilo o batla bonokopila
09 Feb 2020
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng a re o eletsa go bona a eteletse khansele e ditirelo tsa yone di fiwang Batswana ka botswapelo, potlako, tlhompho le lorato e bile di tsepame.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Bokaa bosheng, Rre Daniel Molokwe o ne a re ditirelo tsa badirelapuso di tshwanetse go kgotsofatsa morafe, e seng gore morafe o romelwe kwa le kwa ba sa thusege.
Rre Molokwe, yo e leng mokhanselara wa Rasesa, a re morafe o tshwanetse go dirisa ofisi ya boipelego go kopa thuso pele ba ya kwa maphateng a puso.
O rotloeditse badirelapuso go dirisa megala go fefosa ditirelo ka go itshwaraganya le badiri ka bone go bona gore morafe o a thusega.
“E le sekai, fa motsadi a tla kwa go mmaboipelego mme karata ya gagwe e sena setempe sa bongaka, wena o le modirelapuso se busetse motsadi kwa bongakeng go ya go tempelwa.
Se o ka se dirang ke go leletsa ba bongaka o ba bolelela gore ga go na setempe, mme le dire thulaganyo go tempisa,” a tlhalosa.
Rre Molokwe o supile fa gape a tshwenngwa ke tiego ya dituelo tsa batho ba dirile tiro.
A re bodirelapuso bo tshwanetse go sekaseka melao yotlhe go bona gore ke e fe e e diang ditirelo tse di fiwang Batswana, mme e baakanngwe fela jaaka Tautona Mokgweetsi Masisi a laotse.
Rre Molokwe o ne a kgothatsa komiti ya ditlhabololo tsa motse go thusa go tlhabolola Bokaa ka go dira ditirelo tse khansele e sa di kgonang.
A re go a tshwenya gore mo bogompienong dikole dingwe tsa Kgatleng di bo di santse di reka borotho kwa Good Hope, mme go na le mananeo a nyeletso lehuma.
Rre Molokwe a re o tshwenngwa ke ka fa boroko jwa badirelapuso bo ajwang ka teng mo Kgatleng.
A re ke tshwanelo gore modirelapuso a fiwe boroko gaufi le fa a berekelang teng.
O ne gape a kgothatsa makalana a puso go rerisa morafe ka tsotlhe tse ba di dirang.
O supile fa khansele le mapalamente ba dirile lenaneo la dingwaga tse tharo tsa ditlhabololo tsa metse ya Kgatleng tse di tlaa dirwang ka letlole la ditlhabololo la dikgaolo.
A re ditlhabololo tsa teng ka go tlhomagana ga botlhokwa jwa tsone ke mealo ya ditsela, kgopho ya metsi a pula le dipone tsa mo mekgwatheng.
Banni ba Bokaa ba supile fa ba eletsa go bona tsela ya Bokaa-Kopong e dirwa ka e le khutshwane e bile e ka fokotsa mosuke le tiego ya go tsamaya ka tsela ya Gaborone.
Ba supile gape fa seemo sa kgopho ya metsi a a leswe se sa ba jese di welang mme ba kopa puso go potlakela go se rarabolola.
Ba kaile fa ba tshwaragane le mathata a go kwadisa dikgwebo ka melao le ditsamaiso di faralogana le se bogogi bo se buang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Bokaa
Event : Phethego
Date : 09 Feb 2020