Breaking News

Mogwebi o itepatepanya le dikgwetlho

06 Feb 2020

Mogwebi mongwe wa thekiso ya ditlhare kwa Mapoka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Jabulani Majaye a re kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone.

Mme Majaye a re ka jalo batho ga ba a tshwanela go letlelela dikgwetlho tse ba kopanang natso go ba ema pele.

A re kgwebo ya go rekisa ditlhare, fela jaaka dikgwebo tse dingwe, e na le dikgwetlho tsa yone ka go farologana.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Majaye o boletse fa a ne a tlelwa ke kakanyo ya go dira sengwe go itshetsa, a re lentswa a ne a eleditse go inaakanya le kgwebo ya go hirisa ditante, seo se ne sa pala.

A re o ne a felela a tsena mo kgwebong ya go lema le go rekisa ditlhare ka go farologana tsa maungo, meriti le tse di kgabisang, mme o feletse a nna le kgatlhego e e tseneletseng mo kgwebong eo.

A re o dumela mo go reng sepe se motho a se dirang, a na le kgatlhego mo go sone, se ka seke se pale.

Mme Majaye o ne a tlhalosa fa a ne a thusiwa ke lephata la dikgwa ka lenaneno la Nyeletso Lehuma go simolodisa kgwebo eo ka ngwaga wa 2017, mme go nna le kgatlhego mo kgwebong eo, ke gone fela pheko e e thusang gore e bo e santse e ganetsana le dikgwetlho tse e kopanang natso.

 A re lephata la dikgwa, le ne la mo rutuntsha ka temo ya ditlhare, a re o itumedisiwa ke go bo a setse a tlhaloganya go le gontsi mo go jwaleng le tlhokomelo ya ditlhare, a tlatsa ka gore mo go simolodiseng kgwebo eo o ne a thusiwa ka didirisiwa tse di akaretsang kiriba, jojo, garawe, haraka gammogo le ditlhare tse tlhano. A re le fa gone kgwebo ya gagwe e na le dikgwetlho, o itumelela go bo e tsisitse phetogo mo botshelong jwa gagwe.

Mme Majaye a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka letlhoko la mmaraka, a re mo go lekeng go itepatepanya le kgwetlho ya tlhaelo ya metsi, o leka go beeletsa metsi fa pula e na.

A re le ntswa a kopana le dikgwetlho, seo ga se kake sa dira gore a lape pelo go tswelela, a supa fa thotse nngwe le nngwe e a kopanang le yone a nna le kgatlhego ya go e jwala mme morago a ikopanye le lephata la dikgwa go mo gakolola.

Mme Majaye o ne a gwetlha Batswana ba bangwe gore ba seka  ba neela tshwene marapo, mme ba eme ka dinao go itirela sengwe mo botshelong se ba ka itshetsang ka sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mapoka

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2020