Breaking News

Go fudusiwa ga lebala go tsositse kgaruru

06 Feb 2020

Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba re ga ba dumalane le tshwetso e e tserweng ke baeteledipele ba khansele potlana go fudusa go dirwa ga lebala la metshameko kwa kgotleng eo.

Ba supile matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Uyapo Mafunye, molaodi Mme Utlwanang Kerekang le bagolwane ba ofisi ya tlhabololo banana, metshameko  le ngwao.

Mme Kerekang a re maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lekodisa banni ba kgaolo eo ka thulaganyo ya go fudusetsa lebala kwa setsheng sa lebala la ditshupo kwa kgotleng ya Madikwe.

A re go lemogilwe fa kwa Magapatona go ne go le kgakala le motlakase le metsi, mo motlakase o lopang P900 000 go o goga, fa metsi one a  lopa P1.2 million.

A re gape lefelo leo, le dikaganyeditswe ke melatswana e bile go tletse mahuti. A re fa ba abelela tiro yotlhe ya le lefelo leo, e ya go feta madi a abetsweng tiro eo a P5 million ka yone e ka lopa P11million.

Mme Kerekang o boletse gore mo tshekatshekong ya bone e le komiti le boeteledipele jwa motse le komiti ya ditshupo, ba ile ba dumalana gore bogolo go dirisiwe lebala la ditshupo le tiro yotlhe e ka lopang P7 million mo go lone.

Mogokaganyi wa togamaano ya tiriso ya lefatshe kwa khanseleng potlana ya Tutume, Rre Tebogo Moreetsi a re go ya ka togamaano ya ditlhabololo tsa Tutume, mo moalong wa motse oo, go na lebala leo le la  Magapatona mo polaneng.

Banni ba kgotla ya Magapatona bone ba ne ba seka ba amogela mogopolo oo, ba re tshwetso eo e a belaetsa ka le therisanyo ga e a ka ya nna yone fa go dirwa diphetogo tseo.

Rre Edmond Moabi yo o neng a emetse banni o ne a kopa gore komiti eo e ye go rerisanya le batho ba Magapatona pele kwa kgotleng ya bone.

Rre Moabi a re se se belaetsang ka tiro eo ke gore lefelo leo le ne la sekasekwa la gopiwa, le thendara ya abelwa rakonteraka  gone kwa lefelo leo la Magapatona ngogola.

A re ba gakgamala gompieno dilo di fetogile go setse go buiwa ka dikgwetlho, e bile go bonwe lefelo le lengwe go sele ba sa rerisiwa.

A re ba belaela go na le tshenyetso setshaba ka go dirisitswe madi go baakanya lefelo leo go tswa foo le bo le phuagangwa fela jalo.

Rre Imi Phili le ene one a re go lebega morero o tlhaetse fa gare ga badirelapuso le banni ba kgotla eo. A re go tlhoka therisanyo le tirisanyo mmogo ke dilo dingwe tse di thubang metse gape di emisa ditlhabololo go ka tswelela.

Rre Phili a re  lebala la ditshupo le le nnye go na le le kwa Magapatona, e bile le dikaganyeditswe ke malwapa mo le ka se ka la atolosiwang mo tsamaong ya nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsoloso

Date : 06 Feb 2020