Ga ke a rutwa ka tsamaiso ya ditlhopho
06 Feb 2020
Mme Olorato Reetsang, yo e leng mosupi mo tshekong e Rre Mogalakwe Mogalakwe a gwetlhang maduo a ditlhopho tsa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane, o tlhaloseditse kgotla kgolo ya ditsheko ya Gaborone ka Laboraro fa a sena kitso ya tiro ya go lebelela tsamaiso ya ditlhopho.
O tlhalositse jalo fa a ne a botsolotswa ke mmueledi wa ga Rre Kesebelwang Gaorongwe, Rre Busang Manewe. “Ke ne ke sa itse thata ka tiro e ke neng ke e dira. Ke ne ke sa rutuntshiwa ka se ke neng ke tshwanetse go se dira,” ga tlhalosa Mme Reetsang.
Mme Reetsang o tlhaloseditse lekgotla gore o tsere nako e ntsi a le mo ntlwaneng e go neng go tlhophelwa mo go yone, ka jalo ga a kake a tlhalosa thata ka tse di neng di diragala kwa ntle.
O tlhomamisistse gape gore ka nako e go neng go fifala go ne go tshubilwe lebone la Cadac go bonesa mo ntlwaneng ya botlhophelo.
Le fa go ntse jalo, Mme Reetsang a re kwa tshimologong, lebone leo, le ne la seka la bonesa jaaka go ne go solofetswe ka gore le ne la kueletsa mosi mme la pateletsa mookamedi wa matlhophelo go le ntshetsa kwa ntle ga lefelo le go neng go tlhophelwa mo go lone.
A re le fa lebone leo le ne la busediwa mo matlhophelong moragonyana le ne le sa ntshe lesedi le le lekanetseng, ka jalo batlhophisi le bangwe ba balebeledi ba ne ba dirisa megala ya letheka go oketsa lesedi.
“Ga ke tlhomamise gore lebone le le neng la felela le dirisiwa mo matlhophelong ke lone le le neng le senyegile kgotsa ba ofisi ya ditlhopho ba ne ba le emisetsa ka le lengwe,” a tlhalosa.
Mme Reetsang o supile gore ope yo o ka tlang a tlhalosetsa lekgotla gore lebone la Cadac le ne le ntsha lesedi le le lekanetseng, o tla bo a sa bue boamaruri.
A re le fa go na le dingwe tse di neng di sa jese diwelang, o ne a palelwa ke go ikuela mo motsamaising wa ditlhopho ka gore o ne a sa mo sekegele tsebe.
A re le fa a ne a dira maiteko a go bolelela Rre Mogalakwe ka tse di neng di mo tshwenya, o ne a idiwa go dira jalo ke motsamaisi wa ditlhopho, mabaka e le gore tsamaiso ga e lete gore o ka dira jalo.
Mme Reetsang a re o dumela gore dingongora tsa gagwe ga di a kgona go tsibogelwa ka letsatsi la tlhopho ka gore molaodi wa ditlhopho o ne a sa mo letle go dira jalo, seemo se se dirileng gore ba felele ba le mo kgotleng ya ditsheko.
Rre Manewe are o dumela gore go tlhoka kitso ga ga Mme Reetsang go dirile gore dikgang tse di kabong di rarabolotswe bonolo ka letsatsi la ditlhopho di felele di le mo kgotla tshekelo.
E rile a tsibogela mafoko a ga Rre Manewe, Mme Reetsang a re go tlhaela kitso ga gagwe go ne go sa neele bodiredi jwa lekgotla la tsamaiso ditlhopho go dira dilo ka tshokamo.
Ka jalo, a re o dumela gore go itlhokomolosa tsamaiso ya baokamedi ba ditlhopho le go tlhoka go mo reetsa ke gone go dirileng gore ba ikuele kwa kgotleng ya ditsheko.
Mme Reetsang a re ngongorego ya ga Rre Mogalakwe e gwetlhilwe ke go dira dilo ka tshokamo e seng gore o latlhegetswe ke ditlhopho.
Rre Manewe o tlhalositse gore sengwe sa dilo tse go buiwang thata ka tsone ke seemo sa bosa.
“Se ke se boleletsweng ke gore, gone go na le mosarasarane fela o ka se kgoreletseng tsamaiso le gore o tsere metsotso e sa feteng masome mararo,” ga tlhalosa Rre Manewe.
Mme Reetsang o ne a tsiboga ka gore; ‘mosarasarane kana go tewa yone pula e ke neng ke tlhalosa ka yone mo bosuping jwame, e bile e sebaka se se leejana se ka nnang oura’. Fa a tsibogela dipotso tsa mmueledi wa lekgotla la ditlhopho, Rre Otsile Rammidi, Mme Reetsang o supile gore ka nako e seemo sa loapi se neng se sa iketla, tlhopho e ne e tsweletse.
Le fa go ntse jalo, Mme Reetsang a re bangwe ba batho ba ba neng ba le mo moleng ba letile go tlhopha ba ne ba tshabela pula kwa malwapeng a bone.
A re go ya ka kitso ya gagwe, go ne go sa bulwa epe gape ntlwana ya borutelo gore batho ba ba neng ba le mo moleng ba tshabele pula mo go yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Tsheko
Date : 06 Feb 2020