Breaking News

Ba Sefhare-Ramokgonami lela ka lenyora

05 Feb 2020

Banni bangwe ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone ka letlhoko la metsi le dipeba tse di tshwenyang mo metseng ya bone.

Mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Dr Kesitegile Gobotswang kwa Sefhare le Moshopha bosheng, banni ba re e setse e le kgwedi ya boraro ba sa bone metsi ka didiba tse di ba nosang di na le mathata.

Ba re matlwana a metsi kwa dikoleng le kwa diofising tsa puso ga a dirisiwe ka mathata a letlhoko la metsi.

Banni ba ne gape ba lela ka ditsela tse di kopanyang metse ya bone.

Ba ile gape ba kopa gore dikgosana tsa tetlanyo di agelwe maobo kwa dikgotlaneng tsa bone.

Kwa Sefhare, ba ne ba lela ka mothwa le dipeba tse ba reng di ja dijo tsa bana kwa sekolong se se botlana.

Ba re dikago tsa sekole le matlwana a baithuti di mo seemong se se sa jeseng diwelang, le gone gore dipeba di tlaa tsenya bana bolwetse ka di ja dijo tse di apeelwang bana.

 Ba re lephata la thuto le tsaya lebaka le le leele go shafatsa dikago.

Banni ba ne ba lela ka kwelo tlase ya maduo a ditlhatlhabo tsa lekwalo la bosupa ba re ga a jese diwelang.

Ba ne ba dumelana le mafoko a mopalamente wa bone a gore a e re fa puso e dira ditshekatsheko tsa go busetsa dikokelwana kwa dikhanseleng gongwe e akanye go busetsa tsamaiso ya metsi a magae kwa dikhanseleng le lephata la water affairs.

Ba re lephata la kabo ditsha le lone le kopiwe go tla go tlhalosa gore tiego ya go abela batho ditsha e diilwe ke eng, gape e ya go dirwa leng mo metsing ya bone.

Banni gape ba kopa gore sekole sa tiro ya diatla se agiwe mo kgaolong ya bone, e seng sa madirelo a CITF se se kwa Chadibe, kana se godisiwe go tla mo go se ba neng ba se kopile sa Vocational Training Center go akaretsa kgaolo yotlhe.

Ka temo ya go gasa le ya ditselana ba ne ba re tsotlhe di siame, mme fela mathata ke gore batho ga ba tlhokomele fa ba sena go lema.

Ka kgang ya lenaneo la temo la ISPAAD, Dr Gobotswang a re fela jaaka mananeo a mangwe a a neng a le teng pele le lone le tlaa fela, mme le tlhoka gore balemi ba ipakanyetsa paka eo ka go busetsa dipeo tsa bone tsa tlholego go emisetsa tse ba dineewang ke puso mo nakong eno.

A re fa ba sa dire jalo, baya go bapa le masimo ba sa kgone go di reka ka dile tlhwatlhwa kgolo.

Mopalamente a re o lemoga fa bontsi jwa batho ba ba lemileng ka ditselana ba simolotse go lela le go itlhoboga ka boleme bo ntse bohibidu fela, a re fa go bonala fa ba ba neng ba lema  ka go gasa ba tlaa roba sengwe, a re bao molelo wa mariga batlaa dika ba o orile.

Mopalamente Gobotswang a re gongwe ke nako ya gore go seka sekwe gore badirela puso ba berekele kwa magaeng a bone go fokotsa  letlhoko la boroko.

 A re seo gape seka ba thusa gore fa ba tlogela tiro ba bo ba ikagetse le go itirela matshelo a a ka ba kgontshang go tshela morago ga tiro.

Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa ba dumelana le mopalamente ka dikakanyo tsa gagwe tse dika tlhabololang kgaolo ya bone, mme fela ba ganana le ene gore badirelapuso ba direle kwa metseng ya bone ba re seo seka rotloetsa semorafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Sefhare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Feb 2020