Mapodisi a Werda ga jesiwe diwelang ke dipetelelo
04 Feb 2020
Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Momopoloki Ramatsia, a re ga ba jesiwe diwelang ke dipetelelo tse di kekelang kwa kgaolong eo.
O buile se mo potsolosong bosheng morago ga gore ba begelwe ditiragalo tse pedi tse di diragetseng kwa Mokopong.
Supt Ramatsia o tlhalositse fa mo tiragalong e nngwe, monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe a beteletseng mme wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe kgwedi ee fetileng e ya fifing.
A re mmelaelwa ga mmogo le mme yoo le mokapelo wa gagwe ba ne ba tswa maitisong ka nako ya boferabongwe bosigo, mme mokapelo wa mme yoo a kgaogana le bone go itlhaganela golo gongwe kwa o neng a bidiwa teng mme morago mmelaelwa a phamola mme yoo a mmetelela.
Mo tiragalong ya bobedi, Supt Ramatsia a re ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi a beteletsweng ke borre bangwe ba babedi ba dingwaga tse di lesome le bosupa teng. Mookamela mapodisi a re mme yoo o ne a tlhaselwa ke dilalome tseo ka nako ya lesome le bobedi bosigogare kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi fa a tswa maitisong.
O ne a tlhalosa fa babelaelwa ba le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong, mme morago ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata.
Rre Ramatsia o ne a supa fa mapodisi a gatisitse dikgang tsa petelelo di le nne fa e sa le ngwaga ono o simologa, fa ka ngwaga oo fetileng ka Sedimonthole ba begetswe tse tharo palo e a supileng e le kwa godimo thata.
O ne a gakolola borre go ikgapha mo go beteleleng bomme, a re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsamaya a sa boife sepe.
Mo go tse dingwe, Supt. Ramatsia o boletse fa mo tiragalong e nngwe baratani bangwe ba ba tlholegang kwa Afrika Borwa ba ne ba tshwarwa ba leka go tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong .
Supt Ramatsia o boletse fa ba ne ba atlholelwa go tlhoka go tsena mo kgorwaneng ya molelwane.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa monna mongwe wa Draaihoek a neng a tlolela koloi ya mapodisi e ntse e tsamaya, a bolela fa mapodisi ba ne ba tshwara monna yoo, mme ba fitlhela mophuthwalana o go belaeseng e le setlhatshana sa motokwane.
A re ba rometse setlhatshana seo go ya go tlhatlhojwa ke bomaitseanape, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Supt. Ramatsia o ne a kopa setshaba go ba loma tsebe mabapi le bangwe ba ba inaakantseng le thekiso ya motekwane ka e le molato, ebile o sa siamela le jone botsogo jwa motho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAKOPONG
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2020