Matlhophelo ga a tswalwa ka nako
04 Feb 2020
Mosupi mo kgannyeng e Rre Mogalakwe Mogalakwe a ngongoregelang maduo a ditlhopho tsa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane a re ga se nnete gore matlhophelo a sekolo se se botlana sa Moralane a tswetswe metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bosupa.
Rre Oitisitse Dikhuhang o tlhaloseditse kgotla kgolo ya ditsheko ya Gaborone ka Mosupologo gore matlhophelo a tswetswe metsotso e le metlhano pele ga nako ya bosupa mo maitseboeng.
A re motsamaisi wa ditlhopho o ka nna a ganetsa se a se buang, a dira jalo go iphemela ka a tshaba molato.
Rre Dikhuhang o supile gore morago ga nako ya borataro, go ne ga tshologa pula ya matlakadibe, mme ya kgaotsa metsotsonyana pele ga nako ya bosupa, mme go ne ga seka ga okediwa nako ya go tlhopha.
A re jaaka molebeledi wa ditlhopho mo boemong jwa ga Rre Mogalakwe, o ne a romilwe go tlhoma matlho sepe fela se se ka kgoreletsang tsamaiso ya ditlhopho.
O tsweletse a supa gore mongwe wa batho ba ba neng ba belaetsa ke Rre Bajeleng Kaodimba, ka jalo o ne a tswelela a lebeletse metsamao ya gagwe.
O tlhalositse gore Rre Kaodimba o ne a kopa batlhophi gore ba tlhophe monana, e seng monnamogolo.
E rile mmueledi wa gagwe, Rre Patrick Kgoadi a kopa gore a tlhalosetse lekgotla gore monana le monnamogolo e ne e le bo mang kwa ditlhophong tseo, a tlhalosa ka gore; ‘monana e ne e le ntlhopheng wa phathi ya BDP, Rre Kesebelwang Gaorongwe fa monnamogolo e ne ele Rre Mogalakwe.’
O tsweletse a tlholosa gore morago ga gore matlhophelo a tswalwe, go ne ga tsoga modumo wa batho ba ba neng ba kokoanye kwa kgorwaneng ya sekolo, bangwe e le ba ba neng ba ngongoregela gore ba tswaletswe kwa ntle ba ise ba tlhophe, ka jalo maikalelo a bone e le go tlhakatlhakanya tsamaiso gore ditlhopho di tle di tshwarwe sesha.
Rre Dikhuhang a re batho ba ba neng ba tsositse tlhatlharuane eo, ba ne ba le makgamu mabedi, bangwe e ne ele ba ba lwelang gore Rre Kaodimba a ntshiwe mo matlhophelong.
“Ba ne ba re ka gore Rre Kaodimba o letlelelwa go dira go kgona le go rata, le bone ba letlelelwe go tsena mo matlhophelong ba theole lebokoso la ditlhopho gore go tle go tlhophiwe sesha. A re Rre Mogalakwe le Rre Selotlegeng ba ne ba kgalema ba ba neng ba leka go tsena mo matlhophelong ka dikgoka.
E rile a botsolotswa ke mmueledi wa lekgotla la ditlhopho, Rre Otsile Rammidi, Rre Dikhuhang a tlhalosa fa a godisitswe ke Rre Mogalakwe.
“Ke sale ke nna le ene ke le monnye, ka bereka mo go ene ke kgweetsa terekere. Ke ne ka nna le ene go filthela ke gola ke kgona go iperekela. Batsadi bame ba ne ba lemogile gore o ka kgona go nkgodisa botoka a mpha maele a botshelo,” a tlhalosa.
O tsweletse a tlhalosa gape gore le ka nako ya fa a bereka kwa Botswana Railways, o ne a tswelela a nna le Rre Mogalakwe.
Rre Dikhuhang a re maikaelelo a gagwe ke go thusa Rre Mogalakwe go atlega mo kgannyeng ya gagwe.
“Ke nnete o nkopile gore ke mo thuse ka go ntsha bosupi jo bo emang nokeng kgang ya gagwe,” a bolelela lekgotla
E rile a botsolotswa ke mmueledi wa Botswana Democratic Party, Rre Busang Manewe, Rre Dikhuhang o ne a supa gore ga a itse go bala le go kwala, e bile ga a ise a tsene sekolo. A re o goletse kwa morakeng a tlhokometse leruo la batsadi ba gagwe le la ga Rre Mogalakwe.
O ne gape a tlhalosetsa kgotla kgolo ya ditsheko gore le fa a sa itewa letsogo, o kgona go dirisa sesupa nako.
O tlhalositse gape gore lekwalo le le neng le tswa kwa go Rre Mogalakwe le mo rebola go lebelela tsamaiso ya ditlhopho le ne la goroga thari, ka jalo a tsaya tshwetso ya go tlhoma leitlho a le kwa ntle ga matlhophelo.
Ka jalo, Rre Dikhuhang a re o ne a dumela gore ga se molebeledi wa ditlhopho yo o tlhomameng ka jalo a itlhophela go dira thomo ya gagwe a le kwa lwapeng, a sa tsene mo matlhophelong. O dumetse gape gore ga a kake a tlhomamisa tse di diragetseng kwa matlhophelong ka nako e a neng a le kwa lwapeng.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosetsa lekgotla gore ke ene a ka tlhalosang botoka tse di diragetseng ka letsatsi la ditlhopho kwa Moralane ka gore e ne ele motsaa-karolo.
“Ga ke dumalane le seo se mpolelang fa o re tse dintsi di diragetse ke seo ka gore ke ne ke le teng wena o ne o seo,” a araba.
Le fa a dumela gore tse di buiwang ka Rre Kaodimba o ne a di bolelwa ke bangwe, Rre Diphuhang a re le fa go ntse jalo, o dumela gore tse di ntsi di dirilwe mo ponong ya gagwe.
E rile a tsibogela nngwe ya dipotso tsa ga Rre Manewe mabapi le kgang ya segongwana se se neng se fapaana ka maikutlo kwa kgorwaneng ya sekolo, Rre Dikhuhang a supa gore ene o ne a le mo lekgamung le le neng le batla go ntsha Rre Kaodimba mo matlhophelong.
“Re ne re ka dira sepe se se tlhokegang go ntsha Rre Kaodimba mo matlhophelong, go balelwa le gone go dirisa dikgoka tota,” ga tlhalosa Rre Dikhuhang.
A re seemo sa gore Rre Kaodimba o ne a ganela mo matlhophelong se ne se sa mo jese diwelang, mme a felela a tsaya tshwetso ya go boela lwapeng.
“Ke ne ka felela ke ngala ke boela lwapeng ke ya go robala,” a tlhalosa.
Tsheko eo, e reeditswe ke baatlhodi ba le bararo ba kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone e bong Rre Gaolapelwe Ketlogetswe, Rre Omphemetse Motumise le Rre Itumeleng Segopolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : Kgotla
Date : 04 Feb 2020