Mudongo o tshwenngwa ke kgokgontsho
03 Feb 2020
Kgosi ya Nlapkwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mukani Mudongo, o kgadile a sa kgwe mathe kgotlhang le kgokgontsho kwa malwapeng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Mudongo o tlhalositse fa batho ba tshwanelwa ke go tlhaloganya fa molemo wa kgang e le go buisana ka maikaelelo a go rarabolola dipharologanyo.
Kgosi Mudongo o tlhalositse fa mo nakong eno lekgotla la gagwe le na le dikgang di le lesome tsa maragana teng a malwapa.
A re o lemogile fa dingwe tsa dikgang tseo, e le tse di tlhokang tshidilo maikutlo e e tseneletseng, a supa fa a leka bojotlhe go dirisa kitso ya gagwe ya fa a santse a direla kwa lephateng la boipelego go fa bogakolodi.
Kgosi a re le ntswa go nna go kgalengwa ka dikgang tsa go nna jalo, go mo maruding a batho ka bongwe ka bongwe go tsaya boikarabelo jwa go fetola maikutlo a bone.
O ne a supa fa morafe wa Nlapkwane o le mo maitekong a go itebaganya le go fedisa dikgang tsa kgokgontsho le kgotlhang mo malwapeng.
Ka jalo ba sa tswa go rulaganya bokopano jwa borre ba motse oo, go tla go ithuna dinta le go abelana megopolo, ka jaana go supafala fa borre e le bone ba digogang kwa pele mo dikganyeng tse.
Kgosi Mudongo a re o itumedisitswe ke go bo borre ba ne ba tshologetse bokopano joo ka dipalo tse di nametsang, mme e bile ba itlama go ema ka dinao go leka go fedisa dikgang tse di amang malwapa.
O boletse fa ka lone letsatsi leo, go ne ga bopiwa mokgatlho wa borre. A re o na le tumelo ya gore o tlaa ba thusa go fetola mekgwa mengwe ya bone.
Go sale foo, Kgosi Mudongo a re e re ka jaana dingwe tsa dikgotlhang mo malwapeng e le tsa go lwela boswa, go botlhokwa gore batho ba nne ba dira mekwalo e e supang ka fa ba eletsang dithoto tsa bone di ka kgaogangwang ka teng.
A re mekwalo eo e ka thusa go fokotsa dikgang tsa go itaana ka noga e tshela, go lwela dithoto tsa moswi, a kaya fa e le dingwe tsa dikgang tse di atileng kwa motseng oo.
Mo go tse dingwe, Kgosi Mudongo o boletse fa morafe wa gagwe o ne wa bolotsa letsholo la malatsi a mabedi go ya go batla dibeela mo tikologong ya bone, morago ga go tlhobaediwa ke boutsana jwa pula monongwaga.
Dibeela tse e ka nna ditlhare tse di biditsweng ke tadi, marapo a dikgomo tse di suleng mo go tse dingwe, dilo tse di a tshubiwa kana ditlhare tsa teng di rengwe.
A re letsholo leo, le le dirwang ke borre ke ngwao e e tswang goo-lowe ka go a bo go dumelwa gore dibeela di na le seabe mo go kganeleng pula.
Kgosi Mudongo a re ka nako ya fa letsholo le tsweletse, go seegelwa kwa tlhoko ditiro tsotlhe tsa kwa masimong jaaka go tlhagola le go lema. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : NLAPKWANE
Event : Potsolotso
Date : 03 Feb 2020