Tharabololo ya moepo wa Selebi Phikwe e gaufi
03 Feb 2020
Tona wa Ditswa-mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi, o kgothaditse banni ba Selebi Phikwe go nna ka tsholofelo ya gore tharabololo ya seemo sa moepo wa BCL ga e kgakala.
Rre Moagi o tlhalositse se bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse.
A re bopelotelele le therisano di ka dira gore dikgang tsotlhe tsa go sekwasekwa ga go bulwa ga moepo le tse di amang badiri ba pele, di buisanngwe mme morago go batlwe tharabololo.
Tona o ne a supa fa ditiro tsa meepo di le gaufi le pelo ya gagwe, ka jalo a kgothatsa morafe gore o seka wa mo felela pelo.
O ne a supa fa a itumelela tirisano mmogo ya moeteledipele yo o neetsweng boikarabelo jwa go tlhokomela moepo wa BCL le dithoto tsa one. Rre Moagi o tlhomamiseditse banni ba Selebi Phikwe fa dikhamphane tse nne di supile kgatlhego mo go rekeng moepo o, a tlhalosa fa tse pedi di setse di le kwa lefelong go dira ditshekatsheko.
O supile fa dipuisano tsa gagwe le motlhokomedi wa moepo e le gore ngwaga ono fa o fela, go bo go setse go tserwe tshwetso ka moepo wa BCL.
O tlhalositse fa se se tshwanetse go potlakelwa ka go supafala fa moepo o senya madi a mantsi go na le fa o ne o le mo tirisong.
Mopalamente Keorapetse ene o ne a supa fa a itumelela go bona tona wa meepo a tsweledisitse loeto la gagwe la go kopana le banni ba Selebi Phikwe, morago ga lebaka le le leele moepo o tswetswe.
A re se se tla nontsha dipelo tsa banni ba Selebi Phikwe, ka go supa therisano e Batswana ba itsegeng ka yone. O tlhalositse fa go tswalwa ga moepo wa BCL go ne ga baka kutlo botlhoko e ntsi.
O supile fa melao mengwe e siilwe ke nako ka jalo e tlhoka go sekasekwa sesha,a re go tlhoka go duelwa ga badiri ba baneng ba latlhegelwa ke ditiro go bakilwe ke melao e e ba beileng ka fa mosing.
Mokhanselara wa Leseding, Mme Phemelo Nthwane, a re le fa banni ba Selebi Phikwe ba amilwe ke letlhoko la ditiro ka bontsi, ba ne ba dira kwa moepong wa BCL, mme se ga se a ka sa ama thuto ya bana ba dikolo.
Mme Nthwane a re dikolo tsa Selebi Phikwe di tsweletse ka go dira bontle thata mo maduong a tsone.
O ne a kgothatsa batsadi go tshwaragana le barutabana go tsweledisa se toropo e, e itsegeng ka sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego
Date : 03 Feb 2020