Monna o tlaa arabela go fitlhelwa ka dipodi tse di belaetsang
30 Jan 2020
Mapodisi a Sejelo kwa Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a fitlhetsweng ka dipodi tse go belaelwang e le tsa bogodu di le lesome le bosupa kwa Motlhalawakgomo.
Mookamela mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, o boletse mo potsolotsong fa monna yo wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa kwa Motlhalawakgomo, a paletswe ke go tlhalosa kwa a tsereng dipodi tseo teng.
A re go belaesega dipodi tseo di ne di rwele manyena, ka ba fitlhetse di gagotswe ditsebe le matshwao.
Supt Matlapeng o kopile setshaba go tla go bona dipodi tseo kwa masakeng a Sejelo, mme mmelaelwa ene o tlaa nama a tshegeditswe ke mapodisi.
A re e re le ntswa letsholo la KgomoKhumo le fokoditse bogodu jwa leruo, ba santse ba tshwenngwa ke dikgang tsa banana ba ba utswang leruo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Matlapeng a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di golelang pele mo kgaolong ya bone, tse bontsi jwa tsone di diragalang bosigo kwa mafelong a itloso bodutu, fa tse dingwe e le tse di amang bana ba dikole.
O kopile batho, bogolo jang bomme, gore ba seka ba tsamaya ba le nosi bosigo ka go le borai, ebile go baya matshelo a bone mo diphatseng.
O gakolotse batsadi gore ba seka ba bipa dikgang tsa petelelo mme ba di begele mapodisi gore ditlhotlhomisiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KANYE
Event : Potsoloso
Date : 30 Jan 2020