Haven of Hope e abela batlhoki
30 Jan 2020
Moruti wa kereke ya Haven of Hope Ministry kwa Maun, Rre Nelson Elias, o akgoletse maloko go abela batho ba ba tlhokileng lesego.
O buile se fa ba ne abela dikgotla tsa Shashe le Boyei diaparo kwa Maun bosheng.
O boletse fa ba dira seo ba ikaegile ka lefoko la Modimo.
Rre Elias a re go ngomola pelo go bona moagaisanyi a lala ka tlala mme ba ba itsholelo e e botoka ba sa kgathale.
O gwetlhile morafe go abela ba ba dikobo dikhutshwane ka jaana ba tlaa segofala le go feta.
O ne a lebogela ba ba thusitseng mo tirong eo a tlhalosa fa ba bone thuso go tswa kwa Gaborone le Maun.
E rile a ntsha la gagwe, kgosi wa Shashe, Kgosi Prince Shashe a kopa morafe go amogela dimpho tseo ka lerato.
O boletse fa sejo sennye se sa fete molomo.
O boletse fa kgotla ya gagwe e le nngwe ya tse di lesego thata ka go le gantsi e amogela dithuso ka go farologana.
Kgosi Shashe a re go a itumedisa go bona dikereke di boloditse letsholo go namola puso morwalo ka jaana e ka se kgone e le nosi go tlhokomela batlhoki.
Kgosi Shashe a re go a itumedisa ka jaana bangwe ba ba filweng dimpho e se ba ba thusiwang ke puso.
Kgosi Moeti Moeti wa kgotla ya Boyeyi le ene o ne a lebogela dimpho tseo ka mabogo oo mabedi a supa fa e le thulaganyo ya Modimo gore kereke eo e bo e tlhophile go thusa mo kgotleng ya gagwe.
Mmaboipelego wa Shashe, Mme Winnie Babusi, o ne a supa fa e se botlhe ba ba ka neelwang mme a kopa ba ba sa amogelang gore ba se ka ba utlwa botlhoko ka jaana nako ya bone e tlaa goroga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kabo ya Diaparo
Date : 30 Jan 2020