Breaking News

Dirisang ditonki mo temong - molemisi

29 Jan 2020

Molemisi kwa Serowe, Mme Kealeboga Tonoko o kopile balemi ba Tshimoyapula le Majwanaadipitse go dirisa ditonki mo temong ka le tsone di letlelelwa go dirisiwa mo lenaneong la ISPAAD.

A re ditonki di ka thusa mo temong ka mo dinakong tse dingwe balemi bangwe ba kgona go nna le letlhoko la didirisiwa tsa temo, bogolo jang diterekere.

Mme Tonoko o ne tsibogela dilelo tsa bangwe kwa metseng eo ba ba neng ba ntsha ngongorego ya gore ga ba ise ba leme fa bangwe ba ne ba bolela ba lemile morago ga nako, kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe.

A re yo o lemang ka ditonki le fa a ka tswa a itemetse, o a duelwa ka lenaneo la ISPAAD mme balemi ba tshwanetse ba tsibogela monyetla o ba o filweng, ba o dirise ka bangwe ba na le ditonki.

O ne a solofetsa balemi fa a tlaa itsese beng ba diterekere ba ba ka tswang ba feditse go lemela ba mafelo a mangwe go tla go ba thusa. Mogokgo wa sekole sa Tshimoyapula, Mme Kgalalelo Sekhwela o kopile mopalamente go ba kopela motshine o o ntsifatsang dipampiri.

Mme Sekhwela a re sekole seo, se tokafaditse maduo a lekwalo la bosupa, sebe sa phiri ke gore bangwe fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane, ba tlogela sekole ba bo ba tla go nna mo gae.

O ikuetse mo batsading go ruta bana botlhokwa jwa thuto.

Rre Mathoothe o ne a solofetsa mogokgo go kopa dithuso kwa a ka di bonang teng.

O ne gape a lebogela banni go bo ba mo tlhaphile go nna moemedi wa bone mme a ba kopa gore ba itebaganye le go tlhabolola motse.

A re o tlaa baya go baakanngwa ga sekole se segolwane sa Patikwane kwa pele, selo se banni ba boletseng fa se tlhoka go tsibogelwa.

Mopalamente o ne a ya go bona sekole mme a fitlhela se le mo seemong se se maswe. 

A re marobalo a baithuti a tlhoka go tsibogelwe ka a se mo seemong sa se ba ka bong ba robala mo go sone e bile palo ya baithuti ba ba nnang koo e feteletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : TSHIMOYAPULA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Jan 2020