Breaking News

Baikopedi ba a rutintshiwa

29 Jan 2020

Baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba rutintshitswe ka tlhokomelo ya leruo.

E rile a bua kwa dithutong tseo, mogolwane go tswa kwa lephateng la Temo-thuo Rre Karabo Tshweneyame, a supa fa leruo le tlhokomelwa ka go agelwa masaka, go nosiwa metsi a a phepa, go kentwa le go tomolwa dikgofa.

O tlhalositse gore fa ba bona podi mogatla wa yone o konegetse kwa tlase, e wa kana e tshologa mamina, ba itse gore e a lwala mme ba lekodise mokenti.

Rre Tshweneyame o tlhalositse fa motshotelo o sa tshwanela go nna montsi mo sakeng, a supa gore fa o le montsi o kgona go baka bolwetse jwa tlhakwana. 

O ba gakolotse go fokoletsa motshotelo kwa masimo go dira menontshane ka one.

O ba tlhaloseditse gore fa podi e dusa ba tshwanetse go e disa thata, mme fa ba belaela gore e tsamaela go tsala ba seka ba e bolotsa. 

O boletse gore podi fa e tsamaela go tsala e robala e tsoga kgapetsakgapetsa, e tswa metsi ka fa tlase le mabele a yone a a sisa.

O tlhalositse gore fa potsane e sena go tsalwa e tshwanetse ya tlhokomelwa thata ka e tshabelelwa ke malwetse mme e tshwanetse go kentwa ka Sulfa 16 e na le dikgwedi tse pedi, a bo a supa fa podi e tshwanetse go tshwaiwa le go rwesiwa manyena a a kwadilweng nomore ya mogala.

O ba gakolotse gore fa dipodi di tsala dipholwana ba di fokotse ka go di rekisa, a supa maikaelelo a go rua ga bone e le go intsha mo lehumeng.

Rre Tshweneyame o ba kopile gore fa ba kenta ba kwale gore ba kentile leng le gore ba ne ba kentela eng.

 O supile gore fa seruiwa se ka swa se kentilwe ba tlaa kgona go lemoga ka mokwalo gore a lebaka la gore mokento o bo o fedile mo go sone le fetile kana nnyaa. 

O tlhalositse fa go le botlhokwa go kentela bolwetse jwa diphilo ka Moranang le Phalane, a bo a ba kopa go bona mokenti go ba rekela melemo.

O kopile baikopedi ba lenaneno leo gore ba tlhokomele leruo thata a bo a ba kopa gore fa e le sengwe ba gaisane, a bo a ba kopa gape gore fa ba lemile ba seka ba latlha sepe se se tswang mo masimo, mme ba se sile ba bo ba se bee sentle gore ba tle ba se dirise ka nako ya leuba. 

O tlhalositse fa go na le mefuta e e farologanyeng ya dinwamadi.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Temo-thuo Rre Namogang Keitihetse o ne a ba gakolola go baya dijo tsa leruo sentle gore di seka tsa jewa ke dipeba le dikatse, a supa fa mantle a dilo tse a na le botlhole.

O kaile fa go tlhokomela leruo go itsa gore go seka ga nna le ditshenyegelo, a ba kopa go katela motlhana fa o wetse mo sakeng go itsa go okela dintsa mo sakeng. 

O supile gore fa podi e rata go ikgotlha ka setlhare kana ka terata e supa gore e batla go tipiwa. 

O ba rutile gore fa podi e na le tlhagala ba e lese e butswe, ba e beole fa tlhagaleng ba bo ba sega ka legare mme ba e tamole.

Rre Keitihile o supile fa go le botoka go thibela bolwetse go na le go bo alafa. 

Baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ne ba supa fa le bone ba ithutile sengwe, ba supa fa ba tlaa botsa mokenti fa ba sa tlhaloganye. 

Ba supile fa ba itse gore ba ruela go intsha mo lehumeng, ka jalo ba tshwanetse go tlhakomela leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANE

Event : Thutuntsho

Date : 29 Jan 2020