Mathoothe o rotloetsa morafe go bopa lekgotla
29 Jan 2020
Mopalamente wa Serowe Bokoni, Rre Baratiwa Mathoothe o kopile banni ba Gojwane le Serule go rua dikgomo tsa mashi ka letlhoko la mashi le le lentsi mo Botswana.
Rre Mathoothe a re ba lebelele tse di ka ba tshetsang e le morafe.
A re fa ba na le lekgotla la ditlhabololo la motse, ba ka kgona go teratelela fa go tsewang mmu o o agang wa pit sand.
A re dikonteraka tse di dirang ditsela di ka reka mmu oo mo go bone letlole le nne le madi.
Go dira jalo a re go ka ba tlhamela ditiro le go kgona go baakanya dingwe tse di tlaa bong di senyegile mo kgaolong jaaka matlwana a boitiketso mo dikoleng, selo se se tsayang nako e telele go emetswe thuso go tswa kwa pusong.
A re puso e na le dikakanyo tsa go ithola ditiro dingwe mo kgaolong, di tshwana le matlhabelo a dikgomo le lebala la metshameko.
A re fa ba setse ba na le lekgotla, ba ka kgona go tsaya mafelo a o ba itirela madi go na le gore di tsewe ke batho ba ba kwa ntle ga kgaolo.
Banni ba itumeletse mogopolo o o tlang ka mopalamente ba re fa o ka dirwa sentle, o ka fokotsa letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe ka bophara kobo ka letshoba mme ba kopa go rutwa ka tsamaiso ya lekgotla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : GOJWANE/SERULE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 29 Jan 2020