Setlogelwa tsatsing se ikisa moriting
28 Jan 2020
Mogologolo e rile fa a re setlogelwa tsatsing se ikisa meriting, a bo a opile kgomo lonaka, ka a ne a etse botshelo tlhoko.
O ne a leka go lemotsha gore fa o tlogetswe mo bothateng, o tshwanetse wa tswa ka maano a a ka go thusang go itirela botshelo, go na le go nna fela o solofetse thuso mo bathong.
Motswana o ne a leka go tlhagisa gore fa o ka ikaega ka batho o sa leke go ithusa o ka iphitlhela o wetse ka lemena.
Rre Justice Seiphetlho go tswa kwa Digawana, ke mongwe wa batho ba ba etseng tlhoko gore seane se, ga se ditshamekwane ka se ne sa ama botshelo jwa gagwe.
Leeto le la botshelo jwa gagwe le ne la mo kgothatsa go dira setshwantsho sa motshikhinyego mme a se bitsa Setlogelwa Tsatsing, Se ikisa Moriting.
O kaile fa a diragaditse ditshwantsho tsa motshikhinyego di le pedi tsa leina le.
Ditshwantsho tse, di ne di kwalwa ke ene, a bo a boa a kapa le ditshwantsho tsa teng, a bo a di lomaganya ka a na le boitseanape jwa teng e bile a na le kompone e e dirisanang le bodiragatsi e a e butseng ka 2016 e e bidiwang Orastice Media.
O ne a tlhalosa setshwantsho sa ntlha se se duleng ka 2018, a re se bua ka botshelo jwa gagwe.
A re botshelo jwa gagwe go tswa boyaneng bo ne bo le thata morago ga go latlhegelwa ke mmaagwe.
O ne a sala le bo monnawe ba le babedi.
Ba ne ba tshela botshelo jo bo seng motlhofo ka mmabo a ne a ba tlogetse ba le babotlana.
Seiphetlho o ne a lemoga fa thuto e le bokamoso, mme ka jalo, a ititaya ka thupana gore a tsoge a itiretse botshelo jo bo eletsegang le ba lelwapa la gagwe.
Maduo a gagwe a ne a sa mo kgotsofatse ka a ne a na le maikutlo a a kgoberegileng.
O ne a tsena mokgatlho wa bodiragatsi wa sekole se a neng a tsena mo go sone sa Maoka Junior School.
O ne a tswelela a dira tiro ya gagwe ya sekole ka bopelotelele ka maikaelelo a go fenya ditlhatlhobo.
Bopelotelele jwa gagwe mo dithutong tse, bo ne jwa nna le maduo a a itumedisang ka Seiphetlho a ne a kgona go bona maduo a a nametsang mo dithutong.
Le kwa bodiragatsing a dira ka bonokopila le bonatla, ka jalo o ne a le mantswitswidi wa sekole sa gagwe fa go tsena mo go tsa bodiragatsi.
E rile go fitlheng ga gagwe kwa sekoleng se segolo, a feta a dira ka natla mo dithutong tse di amanang le botaki le bodiragatsi.
Mme e rile a ya kwa mmadikole, a feta a bona go le botoka go itebaganya le tsa kgwebo (Bachelors of Business Administration, Major in Management).
Maikaelelo a gagwe e ne e le gore dithuto tse a di tlhophileng tse, di tlaa mmulela dikgoro ka bontsi ka gore di na le menyetla e le mmalwa.
Morago ga go fetsa sekole, o tlhalositse fa a ne a bereka kwa mafelong a a farologanyeng pele ga a ka simolola go dira baesekopo ya Setlogela Tsatsing ya ntlha a supa botshelo jo a bo tshedileng.
“Ke godile ke sokola, mme ga ke a ka ka phutha matsogo ka emela mongwe go nthusa.
Ke dirile ka natla kwa sekoleng ke berekela bokamoso jo bontle,” o ne a tlhalosa jalo.
E ne ya re go bona baesekopo ya ntlha e amogetswe ka lorato ke Batswana, a kgothala go ka dira ya bobedi e e duleng ka 2019, e mo go yone a supang seane se ka mmenyana wa lesiela, yo e rileng morago ga go latlhegelwa ke batsadi, a raelwa ke ditsala tse di sa siamang.
Mme e rile morago, a iphitlhela a latlhegetswe ke boswa jo a neng a bo tlogeletswe ke batsadi.
Seo sa dira gore a iphuthe metlhala a baakanye botshelo jwa gagwe go na le go itlhoboga.
“Metshameko e ka bobedi, e bua ka dikgwetlho tse re kopanang natso mo botshelong.
E supa fa re tshwanetse go emela bokamoso jwa rona ka dinao, go na le go bo baya mo diatleng tsa batho.
Ke godile ke sotlega, mme gompieno ke rre wa lelapa, ke tsene sekole ka se fetsa, ke tlhokomela lelapa la me.
Diemo tse ke fetileng ka tsone ga di a ka tsa nkgoba marapo,” o ne a tswelela a tlhalosa jalo.
O ne a tlatsa ka go re banana ba na le go itlhoboga ka bonako fa ba kopana le dikgwetlho.
Mme o solofela fa ba tlaa tia mooko morago ga go lebelela dibaesekopo tse pedi tse.
Seiphetlho o tlhalosa fa a ikaelela go atolosa bodiragatsi jwa gagwe ka se e le talente e a tswang le yone kgakala.
O tlhalositse fa se, se sa thuse ene a le nosi fela, mme se godisa mhama wa bodiragatsi wa lefatshe la rona.
O tlhalosa fa se se thusa go lwantshana le letlhoko la ditiro la banana.
“Ke ile sekoleng ke ya go dira Bachelor of Business Administration, Major in Management.
O ka ipotsa gore e amana jang le bodiragatsi. Ke ne ke lebile gore e ka mpha dikitso di le mmalwa mo go tsa go dira madi.
Gone jaana e nthusa go rekisa ditshwantsho tsa me sentle.
Ga ke a ela bodiragatsi kwa sekoleng.
Mme le fa go ntse jalo, ke nna ke kwalang dipolelo tsa me, ke nna ke tlhophang badiragatsi ka nna.
Ke ba tlhopha ke lebeletse their character, appearance,etc,” o ne a bua jaana a tlhalosa fa banana ba tshwanetse go ititaya ka thupana go dira ka natla, ba leke le go berekisa ditalente tsa bone.
“Ke dirisa talente ya me. Ke dira se ke se ratang, ke se dira ka natla. Se a mperekela. Gape ke kgothatsa batho ka ditshwantsho tsa me ka di gasa melaetsa ya botlhokwa.
Mo godimo ga moo, ke ruta batho ka boleng teng jwa Modimo, ka gore fa o ka ela tlhoko, metshameko ya me go na le fa e buang ka Modimo teng,” o ne a bua jalo a tlhalosa fa a ratile ka fa Batswana ba mo emeng nokeng ka teng.
O ne a leboga mohumagadi wa gagwe, a bua fa le ene a mo eme nokeng mo go se a se dirang e bile ba dira mmogo.
O ne a feleletsa ka go kgothatsa banana ka ene go ititaya ka thupana go bopa isago ya bone.
“Fa o iphitlhela o le mo seemong se se sa nnang sentle, se se utlwisang botlhoko, o seka wa itlhoboga, tswa ka maano a go baakanya botshelo jwa gago, ema ka dinao o bereke, o tle o kgone go tshela sentle,” ga bua jalo Seiphetlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sesafeleng Khunong
Location : GABORONE
Event : Potsoloso
Date : 28 Jan 2020