Breaking News

Ba Moreomabele Topisi ba eletsa go tsosolosa lekgotla

28 Jan 2020

Ba Moreomabele le Topisi kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba dumalane le mopalamente go tsosolosa lekgotla la ditlhabololo le le ntseng le le teng mme le sa dire, morago ga go tlhangwa ke mopalamente wa pele, Rre Dikgakgamatso Seretse.

Fa a ipega fa pele ga morafe, Mopalamete Baratiwa Mathoothe a re keletso ke gore ba seka ba baya fela mo pusong, ba tlhamele Batswana ditiro, go batla ditsela tse di ka ba direlang madi le go dirisa di-tsa tlholego tse di mo kgaolong.

A re metlhala ya khumo e mentsi, se se tlhokegang fela ke gore bangwe le bangwe fa ba leng teng ba itebaganye le ditiro tse di teng mo kgaolong ya bone go itshetsa, a a fa sekai ka mmu wa letsopa o a rileng o ka dira ditena tse di tshwanang le tsa Makoro le temo-thuo.

Modulasetilo wa VDC ya Moreomabele, Rre Ishmael Ntsiapana o gateletse botlhokwa jwa mesele e e laolang metsi a pula le go agelelwa ga mabitla.

Metse ka bobedi e kopile go katolosiwa ga dikokelwana.

Kgosana wa Botalaote kwa Moreomabele a re ba mo lenyoreng e bile ditsholofetso tsa koporase ya metsi ga di tswe tema.

Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi a re ba tshwenngwa ke dikgwa tsa ditsha tse di sa tlhabololweng tsa dikgwebo tse ba sa itseng le beng ba tsone.

A re ka nako ya kabo ditsha tsa dikgwebo ka lenaneo la SMME, bontsi bo ne jwa abelwa ditsha tsa kgwebo mme ga ba di tlhabolole, fa bana ba motse ba tlhoka ditsha.

Go ya ka bodiredi jwa puso, khansele-potlana ya Palapye e tsweletse ka go dira ditlhabololo jaaka paakanyo ya dikole tse dipotlana, go dirwa ga mesele ya taolo metsi a pula fa go agelelwa ga mabitla go ka dirwa ka Ipelegeng.

Rre Mathoothe o supile fa a tlaa kopana le ba ba maleba go utlwa gore mathata ke eng fa ditsha tsa dikgwebo di sa tlhabololwe.

Mokhanselera wa Moreomabele/Topisi, Rre Samuel Kenalemang a re maikaelelo ke go tlhabolola kgaolo le batho ba yone.

A re tshologelo ya bone kwa phuthegong e supa boikarabelo mo batlhophing le go tlhaloganya mosola wa pitso ka barongwa ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MOREOMAOTO/TOPISI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 Jan 2020