Breaking News

Go tlhoka ditlankana go dia ditlhabololo kwa DKar

28 Jan 2020

Go ngodiega go tswa ka tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa D’kar go baya banni ka fa mosing ka ba sa kgone go dira sepe se se ka tokafatsang matshelo a bone.

Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre John Thiite, o gakolotse morafe wa D’kar gore go botlhokwa go nna le ditlankana tsa malwapa gore ba kgone go akola mananeo a puso.

Ka jalo a re go botlhokwa gore ba ba filweng ditsha ke kereke ya Dutch ba nne le ditlankana tse di ka ba thusang go ikopela mananeo a puso a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone.

O kopile bogogi jwa motse go buisana le kereke gore e neele banni ditlankana tsa ditsha tsa bonno.

Morafe wa D’Kar o mo lefelong le le mo diatleng tsa kereke ya Dutch, ka jalo tlhabololo le tiriso ya lefatshe di rebolwa ke kereke, mme go thata gore ba ka thusiwa ba sena ditlankana tsa ditsha.

A re go botlhokwa gore morafe o buisane le bogogi jwa kereke ka mananeo a tshwana le la go agela ba ba ’kobo dikhutshwane matlo a boroko le ka se akolwe mo D’Kar ka gore ba ba neng ba ka thusiwa ga ba na ditlankana tsa bonno.

Mopalamente o tlhaloseditse banni bao gore go ne go tshwanetse go agwa kokelwana le koporase mme ga di a agwa lebaka e le gore kereke ga e a ntsha ditlankana.

O rotloeditse mokhanselara le baeteledipele ba bangwe ba motse go emela kgang eo ka dinao gore motse wa bone o kgone go bona ditlamelo le ditlhabololo tse dingwe tsa botlhokwa.

Rre Thiite a re ba tsweletse ba dira maiteko a go buisana le kereke gore kgang ya lefatshe kwa D’kar e rarabololwe, mme a re go botlhokwa gore lentswe la banni ba lefelo le, le utlwale.

Mo tekodisong ya gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Wynard Morris a tlhalosa fa letlhoko la lefatshe le emisitse ditlhabololo mo motseng.

Rre Morris a re go agilwe matlo a baoki a le mabedi mme ga a ise a gokelwe metsi le motlakase, kgang kgolo e le Water Utilities Corporation le Botswana Power Corporation ba tlhalosa fa sekgoreletsi e le gore ditsha tseo ga di na ditlankana.

E rile  a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thato Tshweneyagae a supa fa e le boammaaruri bodiredi jwa puso bo tswa kgakala bo buisana le kereke, ba kopa gore ba neele banni ba D’kar ba ba nang le ditsha tsa bonno ditlankana gore ba kgone go tlhabolola bonno jwa bone.

 Le fa go ntse jalo, Rre Tshweneyagae a re ba tlaa tswelela ba buisana le kereke go rarabolola kgang eo.

A re maikaelelo magolo ke go tlhabolola matshelo a banni ba D’kar.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 Jan 2020