Marekisetso a abela bareki
28 Jan 2020
Marekisetso a Western kwa Maun, a abetse bareki ba le batlhano dikgomo tse tlhano, morago ga go tshwara khupelekhupele, e le bontlha bongwe jwa go ba lebogela tirisanyo le kemo nokeng ya bone.
Khupelekhupele eo, e ne e tshwerwe ka mafelo a beke kwa marekisetsong ao, mme mogolwane wa one, Mme Maikano Molefhe a bolela fa ngwaga le ngwaga ba tshwara tiro eo, e le bontlha bongwe jwa go kgaogana se ba se robileng le bareki ba bone.
A re go botlhokwa go lemoga bareki, ka e le bone ba tshwereng bokamoso jwa marekisetso ao, a supa fa kwa ntle ga thotloetso ya bone, ba ka seke ba dire dipoelo tse di nametsang.
Mme Molefhe a re go botlhokwa gore bareki ba itumele gore ba tswelele ba ema kgwebo nokeng.
Mme Molefhe o tlhalositse fa mo ngwageng oo fitileng, ba ne ba aba dilwana tsa ntlo tsa P50 000, a tlatsa ka go re monongwaga ba ne ba bona gore ba abe dikgomo.
A re e re ntswa marekisetso a bone a sa anama lefatshe ka bophara, ba ipela ka makalana a a supang mo Botswana, le ka tiro ya tlhwatlhwa, bogolo jang mo bareking.
Kgosi Babinang Majatsie, yo e neng e le sebui sa tlotla kwa tirong eo, o ne a akgola marekisetso ao, a re a dira tiro e ntle mo setshabeng.
A re marekisetso ao ga a a leba fela go dira dipoelo, mme a rekegela matshelo a bareki ba one.
O galeleditse bogogi jwa Western, a re ba gaisa ba le bantsi ka jaana bangwe ba eteletsa madi kwa pele, mme ba sa lemoge ba ba ba a tsitsetsang.
Kgosi Majatsie o ne a lebogisa bafenyi ba kgaisanyo eo, a bo a ba kgothatsa go tlhokomela dimpho tseo, a re di ka tokafatsa matshelo a bone.
Kgosi Cosmos Lelatlhego wa kgotla ya Boyei kwa Maun le ene o ne a lebogela tiro eo, mme a gwetlha bafenyi go tlhokomela dimpho tseo, a tlhalosa fa kgomo e le botshelo jwa Motswana.
A re kgomo ke selwana se se sa tshwanelang go adimanwa, mme a ba kopa gape go itshwaraganya le yo di rekilweng mo go ene, gore ba itse gore di ne di tshela jang.
O kopile bafenyi go tswelele ka go bapatsa madirelo a Western.
Mongwe wa bafenyi e bile e le monana, Rre Kgopiso Pitso, yo o tlholegang kwa Shakawe mo kgaolong ya Okavango, o ne a phophoma ka boitumelo, mme a leboga ba Wetsern go menagane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Khupelekhupele
Date : 28 Jan 2020