Breaking News

Ba kgothadiwa go lebogela Modimo malatsi a botshelo

27 Jan 2020

Batswana ba kopilwe gore ba seka ba kgaoganngwa ke ditlhopho ka seo se ka tlhakatlhakanya lefatshe leno.

Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Letlhakeng/ Lephepe Rre Liakat Kablay fa a buisa phuthego kwa Botlhapatlou bosheng.

Mopalamente o ba kopile gape go itshwarele ba ba ba foseditseng gore Modimo le ene a tle a ba itshwarele, a bo a ba kopa gape go lebogela Modimo dipula tse di neleng monongwaga.

Mo go tse dingwe, o ba kopile gore ba seka ba felela Tautona Mokgweetsi Masisi pelo ka jaana ke gone a tsenang mo setilong, a supa maikaelelo a gagwe e le go tlhabolola lefatshe leno.

O tlhalositse fa puso e tshwentswe ke maduo a thuto a a kwa tlase kwa dikoleng mme e ikaelela go fa lephata la thuto madi a mantsi le gone go tsenyetsa dikole tsa dikgaolo ditlamelo tse di bonwang kwa ditoropong.

Mopalamente Kablay o supile fa ba lapisitswe ke bana ba ba tsenang dikole ba bo ba felela ba bereka Ipelegeng.

O tlhalositse fa puso e batla go busetsa dikokelwana kwa khanseleng, a supa gape fa e le nnete ba na le mathata a dikoloi tse di rwalang balwetse ka jaana di tlhaela. 

O supile fa gape ba tlaa itebaganya le mathata a dipilisi tse di tlhaelang.

Mopalamente o tlhalositse fa batho ba ba neng ba kopile lenaneo la nyeletso lehuma ba tlaa thusiwa mo kgaolong ya gagwe, a supa mananeo a go lemela balemi le la Ipelegeng a tlaa tswelela.

O kopile borre go tlogela go kgokgontsha bomme ka go ba thubetsa, a bo a kopa gore le bana ba seka ba berekisiwa ditiro tse di bokete.

Mopalamete Kablay o supile fa madi a ditlhabololo a dikgaolo ba dumalanye gore ditiro tsa teng di fiwe banana mme sebe sa phiri ke gore ba tlogela ditiro ba sa di fetsa.

O kopile morafe wa Botlhapatlou go kopa ditiro tse di bonalang ka madi a ditlhabololo a dikgaolo a bo a ba kopa gore ba kope bogakolodi mo badirelapusong.

Fa ba tswa la bone, banni ba Botlhapatlou ba ne ba supa kgang ya bone e tona e le tsela ya go tswa Hatsalatladi e ya Botlhapatlou, ba kopa gore e tshelwe sekontere. 

Ba supile fa ba batla sekole se ba saleng ba se solofetswa se segolwane kwa Ngware. 

Ba kopile gore ba-na-le boswafe ba fiwe ditlolo le digalase tsa matlho tse di nang le boleng.

Ba kopile gore tiro ya Ipelegeng e fetolwe e nne tiro ya sennelaruri.

Ba kopile gape gore ba letlelelwe go lema ba gasa ka jaana go le bofefo.

Fa a ba araba, mopalamente Kablay o supile fa a nna a bua ka tsela ya Botlhapatlou kwa palamenteng, a bo a bolela fa puso e adimile P10 billion kwa China go tla go dira ditsela a bo a supa fa a letile gore a o tlaa fiwa serwe mo mading ao. 

O supile fa gape a beile pele Tautona sekole sa Ngware, a bo a supa fa puso e sa letlelele go lema go gasiwa.

Ka kgang ya madi a a nyeletseng a puso, o supile fa dikgang tseo di le kwa kgotleng ya ditsheko le gone gore o tsere kgang ya ba-na-le boswafe le ya Ipelegeng mofago. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : BOTLHAPATLOU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Jan 2020