Diloro le Tamasane ba lela ka ditsela
27 Jan 2020
Banni ba Diloro le Tamasane ba re ditsela tse di fa gare ga motse ga di tsamaege fa dipula di nele.
Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi kwa metseng eo bosheng.
Ba re ba tswa kgakala ba itela ka ditsela, segolo bogolo tse di kwa dikoleng le kwa kokelong.
Banni ba supile fa bana ba dikole le babereki ba mafelo ao ba sa kgone go ya tirong ka metsi a abo a tletse gongwe le gongwe.
Dingwe ditsela ba re di tlhoka go tsenngwa motshelakgabo gore go nne bonolo go kgabaganya, ba re melatswana e e fa gare ga motse e diphatsa mo baneng ka go sena kwa go tlolwang teng.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo (VDC) kwa Diloro, Mme Kgalalelo Lebopo o supile fa tshwaragano ya batsadi le barutabana ba sekole se sebotlana sa Diloro e le e e kwa godimo.
Selo se a re se dira gore bana ba dire sentle mo dithutong, a re tirisano mmogo e, e bakile gore batsadi bangwe le banana ba motse ba ithaope go ruta bana ba ba sa kgoneng.
Mme Lebopo a re bana ba ba alogang kwa sekoleng se sebotlana sa Diloro, ba tswelela ka go dira bontle fa ba tsena kwa go se segolwane sa Kgatadimo.
O kopile mopalamente go tsenya letsogo go thusa sekole go tswelela sentle ka go ba agela ntlo e bana ba ka thusediwang mo go yone. Modulasetilo wa VDC kwa Tamasane, Mme Itumeleng Letshwenyo, o tlhalositse fa tsela ya Tamasane-Palapye e diphatsa ka e sena matshwao a a laolang mesepele ya dikoloi mme a kopa mopalamente go tsibosa ba ba maleba ka borai jwa selo se, gore go baakanngwe.
Monni wa Tamasane, Rre Olta Ntoloki a re bangwe ba ne ba supile kgatlhego ya lefatshe fa gare ga Tamasane, Lesenepole le Kgagodi mme go ne ga tsewa tshwetso ya gore batho ba metse eo ba e go buisana.
Rre Ntoloki a re se se gakgamatsang ke gore lekgotla la kabo ditsha le setse le abetse khamphani ya 123 Dimensios lefelo kwa ntle ga go ba rerisa e le banni ba metse.
Mo dikarabong tsa gagwe, Rre Molebatsi o tlhalositse fa ditiro dingwe di sa tlhoke puso go di dira, a re go ka dirisiwa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo.
Rre Molebatsi o supile fa a tlaa kopana le bogogi le VDC, go loga maano a go itebaganya le letlhoko le le mo motseng.
O ba rotloeditse go nna ba sekaseka ditiro tse di botlhokwa tse di tlhokang go potlakelwa jaaka kago ya metshelakgabo le go dira mealo mo ditseleng ka e le tsone tse go lebegang e le matshwenyego mo motseng.
Mokwaledi wa khansele -potlana ya Palapye, Rre Lucky Maoto a re go boammaaruri khamphani ya 123 Dimensions e supile kgatlhego ya go tlhoma lebala la difofane mo lefelong leo mme khansele e itse fa kgang e tshotlhwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Diloro
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2020