Breaking News

Begang tshenyo ya diphologolo

27 Jan 2020

Badiri ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba kopile balemi-barui go ba begela mo nakong e khutshwane, diphologolo tse di ba senyetsang.

Ba buile jaana kwa Dimajwe mo kgaolong ya legare bosheng jaaka fa maphata a puso a ne a etetse motse oo go ba atumetsa ditirelo.

Mogolwane wa lephata leo kwa ofising ya Serowe, Rre Gabautwe Rakoma o boletse fa balemi-barui ba na le go bolaya diphologolo tse di ba senyeditseng ba bo ba sa ba begele.

A re ke molato go bolaya diphologolo tsa naga tse di sireleditsweng ba bo ba sa bege.

Go boletswe fa matlalo a dibatana dingwe jaaka bonkwe a le botlhokwa ka a tsenyetsa puso madi.

Rre Rakoma a re bangwe barui ba a di bolaya ba bo ba latlha matlalo fa bangwe ba a rekisa ka sephiri. O boletse fa go se molato fa sebatana se se tshosetsang morui matshelo kgotsa se sentse a bo a se bolaya mme tshwanelo ke gore fa morui a sena go se bolaya, a bege.

Balemi-barui ba meraka le masimo a Dimajwe ba ne ba ngongorega ka dibatana tse di ba bolaelang, bogolo jang diphiri tse di thamaga fa ditholo le dikgabo di senya mo masimo.

Ba boletse gape fa ditlou di ba jesetsa mo kgobedung di senya mo masimo le go gobeya mo mahulelong a leruo le go ba tshosetsa matshelo.

Balemi-barui ba boletse fa madi a dikatso a a fiwang morui fa a jetswe leruo a le mannye, mme ba batla go reka dipoo tse di turang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Dimajwe

Event : Phuthego

Date : 27 Jan 2020