Go epa didiba mo masimo go tshwaraganya balemi le barui ka meriri
26 Jan 2020
Maphata a puso ka go farologana a eteletswe pele ke la ga molaodi go tswa mo Serowe ba ne ba boloditse letsholo la go isa ditirelo kwa Dimajwe bosheng.
Maphata a ne a thusa ka tse banni ba di nyoretsweng go na le go di latela kwa Serowe jaaka go diragala. Ba tsere letsatsi lotlhe ba thusa morafe.
Mo lephateng la kabo ditsha balemi-barui ba Dimajwe ba boletse fa molawana o o dirilweng wa go epiwa ga didiba mo masimo o ba diretse mathata.
Didiba tseo di tsentse kgotlhang ya gore dikgomo di jela bangwe dijwalo, bangwe ba alwa, fa magosi a le fa gare ga naka tsa kgokong ka go letlanya le go atlhola.
Balemi ba boleletse ba kabo ditsha gore jaanong barui ba huduseditse leruo kwa masimo go latela metsi kwa didibeng.
Balemi ba boletse gore jaanong ga ba sa tlhole ba bona sepe mo masimo ka leruo le tsena mo masimong a a lemilweng.
Rre Keobokile Mpatane o boletse fa jaanong barui ba hudisa kwa masimo mo go dirileng gore balemi ba seka ba tswa ka sepe morago ga go lema le mororo ba phakile dipeo tse di lopileng puso madimadi.
O boletse fa kwa masimo jaanong go gothegile ka gore leruo le lentsi.
Rre Mpatane o boletse goe fa e sale go letlelelwa go epa didiba mo masimong jaanong bangwe ba sa leme ba reka ditshimo tsa batho gore ba epe didiba gore ba nosetse barui leruo.
O kopile gore molao oo o sekasekwe gore batho ba kgone go tla go lema ba ntshe dijo.
A re kgaolo ya legare e kwa pele, dikgomo di uputsa balemi mo masimo mo go ngomolang pelo.
Fa Rre Mazengera Ramogala a iteela kobo moroko o ne a bolela fa didiba di ba apesitse kobo ka letshoba, a re jaanong masimo a fetotswe meraka, dikgomo di ja mo masimo nako tsotlhe e bileng ka dinako tsa letsema jaana ba lela sa ga Ragele.
O boletse fa ba lemela dikgomo fela.
O boletse fa ba utlwisiwa botlhoko ke gore le bone beng ba dikgomo ba dira ka bomo ga ba na sepe le fa molemi a ba kuela gore leruo la bone le a senya.
Rre Gabaiphiwe Gabaiphiwe ene o ne a farologana la baledi a bolela gore ba hudusiwa ke lenyora kwa merakeng, ke gone mo ba hudugelang kwa masimo ka didiba di koo.
Le fa go ntse jalo, banni ba ngongoregile ka go abelwa ditsha ba bolela fa go diega. Ba kopile gore ba kabo ditsha ba ititeye ka thupana.
Mo go arabeng dikgang tsa didiba, leloko la kabo ditsha e potlana ya Paje, Rre Thuso Kesetsekae o ne a tlhalosa fa bothata joo ba bo itemogetse e bile bo sa ba robatse.
Rre Kesetsekae a re maikaelelo a puso go dira molawana oo e ne e le gore balemi ba epe didiba mo masimong a bone gore ba kgone go kabakanya temo-thuo, ba kgone go nosetsa fa go tlhokafala ka nako e dipula di leng boutsana.
A re maikaelelo ga se hudusetsa leruo kwa go lengwang teng.
O boletse gore ba ba dirang jalo ba tlola molao mme e bile ba emise ka ponyo ya leitlho.
A re fa go ka tswelela go diragala tiro ya mohuta oo lekgotla le tlaa tswala didiba tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Dimajwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jan 2020