Tshwaragano konokono - Thiite
26 Jan 2020
Mopalamente wa Ghanzi Bokone a re tshwaragano le tirisano mmogo ke yone tsela le boammaruri mo go tsiseng ditlhabololo mo kgaolong ya bone.
Rre John Thiite o buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Qabo, Kuke le Dakar bosheng.
O boleletse banni ba metse eo fa a lebogela tlhopho ya bone, ka jalo ba tshwanetse go itse gore o ya dirisana le mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa phathi efe.
Mopalamente o boleletse banni fa ba tshwanetse go emela ditlhabololo tsa metse ya bone ka dinao.
A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o batla go bona Botswana a golela pele, ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore metse ya bone e a tlhabologa.
O tlhaloseditse banni gore mo dingwageng se tharo tse di fetileng, go bonala fa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a ne a sa dirisiwe sentle, a tlatsa ka go re dingwe di ne di sa dirwe ka lebaka la tlhaelo ya bodiredi.
O ne a kopa banni go dira ditlhabololo tse di ka ba tsisetsang dilo di tshwana le dipone tsa mekgwatha.
A re o akanya gore theko ya lefatshe e ka ba kgontsha go dira temo ya nosetso gore ba kgone go ntsha dijo tse di ka jesang lefatshe leno le go ka direla banana ba kgaolo ditiro.
O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, morafe le makhanselara ba tshwanetse go buisana pele ga ba ka isa kopo kwa ofising ya gagwe.
A re ga a bone mosola wa gore madi ao a kgaoaganngwe, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go lebelelwe ditlhabololo tse di tona tse di ka diriwang tse di ka solegelang batho botlhe ba kgaolo molemo.
E ne e rile pele Kgosi Dereck Xlau wa Qabo a batla tlhaloso gore madi a ditlhabololo a bereka jang e bile a tswa morago ga dingwaga tse kae.
O boletse gore fa e sale madi ao a tsena bone mo Qabo ga ba ise ba bone ditlhabololo di dirwa ka lenaneo leo.
Banni ba Qabo bone ba ne ba ngongorega ka tsela ya bone e ba reng e maswe, ka jalo ba kopa gore fa e le gore ga e mo lenaneong la go tshelwa sekontere, bogolo e gopiwe.
Ba ne ba tlhalosa gape fa ba kopa go tsenyediwa motlakase, ba supa fa dikgwebo tsa bone tsa mananeo a puso di sa bereke sentle ntateng ya letlhoko la motlakase.
Ba ne ba lela gape ka letlhoko la matlo a badirelapuso, ba kopa gore kokelwana e atolosiwe.
Kwa Kuke banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi. Ba boleletse mopalamente gore seemo sa metsi ga se ba robatse.
Ba ne ba tlhalosetsa mopalamente fa ba ne ba phakisiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, mme jaanong dihutshana tsa bone di ka nna tsa felela di sule ntateng ya lenyora ka gore koporase ya metsi ga e siele leruo.
Le bone ba ne ba kopa go tsenyediwa motlakase.
Fa a araba selelo sa bone, mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e beetse fa thoko P19 million go tla go araba selelo sa letlhoko la metsi.
O ne a tlhalosa fa tiro eo e ka nna ya simolola morago ga Mopitlo.
Mopalamente o ne a tlhalosa fa Kuke e le mongwe wa metse e e mo lenaneo la go gokelwa motlakase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jan 2020