Breaking News

Mothusa tona o tshwenngwa ke beng ba dikonteraka

26 Jan 2020

Mothusa tona wa thuto e kgolwane, maranyane le dipatlisiso, e bile e le mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni o kgadile a sa kgwe mathe boradikonteraka ba ba diang ditiro tse ba di neetsweng ka go di isa kwa makgotleng a ditsheko.

Rre Shamukuni o buile jaana mo phuthegong e a neng a e tshwere le baeteledipele ba kgaolo ya gagwe mo Kasane bosheng.

O ne a bolela fa a tshwentswe ke boradikonteraka ba ba abetsweng ditiro ke khansele mme e re ba sena go palelwa ke go diragatsa ditumalano ba bo ba tsaya dikgang ba di isa kwa makgotleng a ditsheko, a re seo se dia nako ya go diragatsa maitlamo a bone mo bathong.

Rre Shamukuni o tlhalositse fa makgotla a ditsheko di tsaya nako e telele go rarabolola dikgang le go ntsha ditshwetso. “Ke kopa gore lona boradikonteraka le emise mokgwa o, le re diela go diragatsa maitlamo a rona kwa bathong, re kopile puso gore go gagamadiwe melao. 

Mme ke batla go le raya ke re fa le ka tswelela ka go dira jaana re tsile go kgaogana le lona mo isagong,” a tlhalosa.

O ne a tswelela a bolelela baeteledipele gore puso e santse e kanoka maphata a yone ka go farologana, e le go sekaseka maikarabelo a ba a filweng.

Baeteledipele le bone ba ne ba ntsha dingongorego tsa bone, mme ba supa fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi kwa metseng e tshwana Mabele gareng e mengwe.

Ba ne ba ngongorega gape ka ditsela tse di sa fediweng ka bonako e bile tse dingwe di tlogelwa di sa felelediwa.

Fa a ntsha la gagwe, modulasetilio wa khansele ya Chobe, Rre Amos Mabuku a re ba tlaa tswelela ba ema nokeng mopalamente go isa Chobe kwa pele le go mo tlhabolola.

Rre Mabuku a re Kasane ga a na lefatshe, mme keletso ya bone ke gore molao wa 1968 wa Forest Reserves o sekasekwe ka gore ke wa bogologolo ka nako e go neng go sena batho ba bantsi jaaka gompieno.

O ne a tshephisa phuthego gore kokelo e ntsha e tlaa agwa.

E ntse e le mo phuthegong eo, Rre Mabuku o ne a tlhalosa fa a itumeletse kgang ya mopalamente gore ba tlaa nna ba tshwara diphuthego tsa mofuta o morago ga dikgwedi tse tharo go rerisana le banni le boeteledipele jwa motse.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kasane

Event : Phuthego

Date : 26 Jan 2020