Pilikwe le Mhalapitsa ba ngongorega ka ba kabo ditsha
26 Jan 2020
Ba supile ba lephata la kabo ditsha la Sefhare ka monwana ba re go na le madiadia a ba sa itseng se se a bakang.
E rile ba itekodisa mopalamente, Dr Kesitegile Gobotswang, banni ba tlhalosa fa ditsha tsa metse, masimo le dikgwebo di eme tsi!
Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe a re e setse e le ngwaga wa botlhano ba sa bewe ditsha, a re fa ba latedisa dikgang tse, ba tlhalosediwa fa seo se bakwa ke tiego ya mealo ya lefatshe.
A re tiego eo, e dia metse go gola, go tlhabologa le gone go letla banana go simolola dikgwebo tse di neng di ka ba tshetsa tsa lenaneo la YDF. A re ka ba le mo tshekamelong ya Palapye ba eletsa go ipona ba godile fela jaaka metse e e akolang ditlhabologo tsa metse e e golang jaaka Palapye.
O supile fa ba lekgotla la kabo ditsha ba sena morero le dikgosi tsa metse e ba bayang mo go yone, seo se bo se dira gore ba felele ba tlhatlaganya dipeo.
Rre Seretse o kopile mopalamente go ba lebalebisa baitseanape ba ba ka thusang ka mealo, go ipaakanyetsa go gola ga ditlhabololo tsa Pilikwe, gore le bone ba kgone go akola tshologelo ya babeeletsi ba dikgwebo tse di ka godisang tsa bo tsa tlhabolola motse go tshwana le boTlokweng.
Kgosi Seretse o buile gape ka tsela ya Pilikwe-Radisele, ofisi ya sepodisi, dikago tse di onetseng tsa sekole se segolwane sa Radisele, le gore gongwe nako e tsile ya go agelwe sekole se segolo mo kgaolong, a re gape ba tlhokana le sekole sa ithutelo tiro ya diatla.
A re ba tshwentswe ke dituelo tsa metsi tse di kwa godimo, tse ba koporase ya metsi ba sa kgoneng go tlhalosa gore di bakwa ke eng.
Kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa kwa Pilikwe le Mhalapitsa le yone e ne ya supiwa e le setlhabi. Kgosi Seretse o kopile go laolwa ga metsi a pula gore a ye kwa tamong e e ka kgonang go ba nosa le leruo.
Banni ba kaile fa bangwe go twe ba duele bo P4 000 mme motho a se na ditlhare kana leruo le le nosiwang mo lapeng.
Ba re ba tshoga gore tlaa felela ba kgolelwa metsi. Metse eo ka bobedi e ne ya supa fa e lebogela ditiro tse di weditsweng tsa ditlhabololo ka lenaneo la madi a dikgaolo a P10 million, mme gape ba supa tse ba di tlhokang go tlhabolola metse.
Ba re puso e maoto a tshupa go baakanya dikago tsa dikokelwana le dikole, di bo di lopa madi a mantsi fa di setse di tla go baakanngwa.
Ba ngongoregetse gape beng ba dikonteraka ba ba tlogelang ba sa wetsa tiro.
Dr Gobotswang o ne a itebaganya le tiriso ya madi a dikgaolo, tshekatsheko ya ISPAAD, a bo a supa keletso ya go kopanela dikgang le dikomiti tse di maleba ga mmogo le borara kwa bothokong pele a ka di rola mo kgotleng.
A re tlhaelo ya metsi kwa kgaolong ya Sefhare/Rampokgonami e ngomola pelo, mme a re maikaelelo ke gore gongwe go itebaganngwe le kgang ya metsi ka P10 million wa kgaolo go na le go a tsutlaganya.
Tsela ya Pilikwe-Radisele a re o ne a latedisa le lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo le le supileng fa mealo le tsotlhe tse di tlhokegang di dirilwe mme go sena madi a go e tsweledisa jaaka gone go akantswe.
A re tiego eo le ene e mo tshwentse mme o beile tshepho ya gagwe mo tshekatshekong ya setlha se se fa gare sa madi a puso. Review) gore gongwe sengwe se ka bonala go e tsweledisa.
Fa a tsibogela kabo ya lefatshe akanyetsa gore gongwe e re le ajwa go dirwe jaaka kwa Tlokweng go seegelwe fa thoko ditsha tse e leng tsa Batlokwa fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PILIKWE
Event : Phuthego
Date : 26 Jan 2020