Breaking News

Ba batla marara a rarabololwa

26 Jan 2020

Banni ba kgotlana ya Ikageleng mo Selebi Phikwe ba batla tharabololo ka matlo a bone a ba reng a sentswe ke go roroma ga lefatshe.

Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Kgoberego Nkawana ka laboraro kwa kgotlaneng ya Ikgeleng mo Selebi Phikwe, banni ba re matlo a bone a ne a ranyega jaaka lefatshe le ne le roroma mo Phikwe ngogola.

Ba re ba tshelela mo letshogong ka gore matlo a bone a ka nna a ba wela nako nngwe le nngwe, ka jalo ba santse ba emetse go utlwa puso gore e rarabolola jang seemo se.

Banni ba re mangwe a matlo a, ke a ba neng ba itshetsa ka one mme ka se sebaka go retela gore ba ka ithusa ka one ka gore ga a mo seemong se motho a ka nnang mo go one.

Mo go tse dingwe, banni ba kopile gore bontlha bongwe jwa moepo, bogolo jang fa go sa tlholeng go bereka teng, go dirwe sekole sa tiro ya diatla se se itebagantseng le tsa meepo.

Le fa go ntse jalo, Rre Nkawana a re dikgang tsa moepo wa BCL di a nametsa.

A re moepo o ka bulwa fa dikompone tse di itshupileng di na le kgatlhego mo moepong o di ka dumela go o reka, a tlhalosa fa dikompone tse tharo; ya Canada, China le Afrika Borwa di na le kgatlhego.

A re bagwebi bao ba santse ba filwe nako ya go ikgotsofatsa pele mme karabo e solofetswe pele ga Seetebosigo.

O ba rotloeditse go dira dikompone tse di ka kgonang go dirisa meamuso e e filthelwang mo Phikwe go dira madi, e seng go emela batswakwa go tla go dirisa dilo tse.

A re Phikwe o humile mme khumo e, e ka bonala fa banni ba ka apola kobo ya boitlhobogo.

O ba tlhaloseditse fa a tlaa bo a dirisa ofisi e e neng e dirisiwa ke mopalamente wa pele wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Nonofo Molefhi.

A re ofisi ya mopalamente ke ya ditiro tsa puso, ga se e morafe o ka tlang go e dirisa mo dilong tsa bone tse di sa amaneng le tsa puso.

O ne a ba rotloetsa go dirisa ofisi go kopanela dikgang tsa ditlhabololo kana dipe tse di amang matshelo a bone.

Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa Phikwe, Rre Lotshwao Mogorosi o tlhaloseditse banni fa kgang ya matlo a a ranyegileng e le kwa ofising ya ga molaodi.

A re go setse go kwadisitswe matlo a feta makgolo a mararo a beng ba one ba ngongoregang fa a sentswe ke go roroma ga lefatshe.

A re ofisi ya molaodi le ba komiti ya Safe Phikwe ba itse ka dikgang tse ga mmogo le ba ofisi ya dibetso tsa tlholego.

A re tona wa lephata la di-tswa mmung Rre Lefoko Moagi le ene o itse ka dikgang tse mme fa tharabololo e ka nna teng, ba ba amegileng ba tlaa itsesiwe.

A re ofisi ya molaodi e ne e kopile gore moitseanape wa tsa dikago a nne a tsamaya le matlo  go bona seemo mme a tlhalosa fa a tla sala kgang e morago go bona gore moitseanape yo o dira jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jan 2020