Breaking News

Obamelang melawana ya thekiso

23 Jan 2020

Barekisi ba bojalwa jwa Setswana kwa kgotleng ya Moeti kwa Maun ba gakolotswe go obamela melawana ya thekiso go hema dikgang tsa borukhutlhi.

Se se builwe ke mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Chenamo Orateng kwa thuto puisanong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng eo ka Mosupologo.

Rre Orateng o supile fa mapodisi a lemogile fa ditiragalo tsa borukhutlhi jwa thubetso le go leletsa diletso kwa godimo, bo diragala gantsi kwa dipotong, morago ga nako e e beilweng ya go tswala.

A re go lemosegile fa bangwe ba rekisa ditagi tse di akaretsang motekwane.

Supt Orateng a re go ka se kgonagale gore mapodisi a twantsho borukhutlhi a okediwe, ka jaana Maun a le bophara mme a re fa ba mapodisi a kgaolwana eo a na le seemo ba ka bitsa mapodisi a mangwe go tla go ba thusa.

Fa a latlhela la gagwe, Sub Inspector Moemedi Tshwene o ne a kgothatsa barekisi ba bojalwa jwa Setswana gore ba dire matlwana a boithomelo a dikamore tse pedi tsa borre le bomme.

A re seo se ka fokotsa dikgang tsa petelelo tse di diragalang fa batho ba setse ba itshietse.

Rre Tshwene o gakolotse gore go ka nna molemo fa dikamore tsa thekiso ya bojalwa di ka farologanngwa le tsa bonno mo malwapeng.

A re seo se ka seriletsa bana gore ba seka ba bona le go utlwa tse di buiwang ke banwi ba bojalwa.

O tladitse ka gore bana ba seka ba romiwa go rekisa bojalwa le motsoko,.

Mokhanselara wa Moeti, Mme Botshelobokae Ramasu a re go a tshwenya go bo barekisi bangwe ba majalwa a Setswana, ba tsenya majalwa ao dilo tse di bogale tse di koafatsang banwi ba jone.

Mma Ramasu o ne gape a ba rotloetsa go rekisetsa fa go phepa.

Kgosi Cosmos Lelathego, yo o neng a rulagantse dithuto puisano tseo, o ne kopa barekisi go ipaakanyetsa go fokotsa ditiragalo tsa borukhutlhi mo kgaolwaneng ya bone.

A re e tsentse tlhako kgamelong, ka le sekolo se se mo kgotleng ya bone se le kwa tlase thata ka maduo a sa tswang go tswa.

Barekisi bangwe ba bojalwa ba ne ba solofetsa fa ba tlaa a fokotsa diletso tse di kwa godimo.

Mongwe wa banni, Moruti Nonofo Galebotse ene a re seemo se senngwa ke go bo barekisi bangwe ba a nwa bojalwa ka jalo ba sa kgone go laola bareki.

O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke batho ba ereng morago ga go nwa bojalwa ba tsamaye ba tsositse modumo mo mebileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Thuto puisano

Date : 23 Jan 2020