Breaking News

Motsamai o kopa banni le badiri go gata mmogo

23 Jan 2020

Banni ba East le West-Hahahai ba kgothaditswe go tshwaragana gore metse ya bone e gatele pele.

Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai, a re tirisano mmogo le neelano fa gare ga gagwe, morafe le bodirelapuso di ka thusa go aga le go tlhabolola metse.

O solofeditse banni gore o tlaa ba emela kwa palamenteng sentle le ka natla.

A re o emetse dikeletso tsa botlhe, a tlatsa ka gore, ‘e ga se nako ya dipharologano, ke nako ya go direla morafe. Le seka la ikaba ka diphathi tsa lona, a re golaganeng re bereke mmogo.”

Mopalamente Motsamai o gakolotse badirela puso gore ga ba a tshwanela go lapa pelo fa ba thusa morafe, segolo bogolo ka go na le kgwetlho ya puo ka batho ba metse eo ka bontsi ba sa itse Setswana sentle.

O kopile banana ba West-Hanahai go emisa go keteka banana ba bo mme a re seemo se se a motshwenya.

A re fa dikgang tsa go ketekana e ka nna selo sa maloba, mapodisi a ka bereka ditiro tsa tshoganetso e seng tsa ka bomo jaaka tsa go ketekana.

Rre Motsamai o gakolotse banana ba bomme go tsaya mananeo a puso, a re nako e tsile gore bomme le bone ba kgone go jesa ba malwapa a bone.

Fa a tsibogela matshwenyego a gore sediba sa morafe se se nosang leruo se sa le se senyegile ngogola mme ba kgonne go phutha tsotlhe tse di tlhokegang, ba emesitswe fela ke gore khansele ya re ga e kake ya ba thusa ka koloi go se goga, Rre Motsamai o supile gore ga go maleba gore fa puso e ntsha mananeo a bo a phutlhamisiwa ke go tlhoka metsi.

Matshwenyego a o a ne a supilwe ke Kgosi Magwasi Johannes wa East Hanahai.

Kgosi Johannes a re leruo le batho ba le neetsweng ka mananeo a puso le setse le phatlalala ka ntata ya go senyega ga sediba.

Monni wa East Hanahai, Rre Keithakile Seleka, le ene o ne a supa fa go senyega ga sediba go tlaa ba tlhoboganya le ba khamphane ya metsi ka morui ga a kake a lebelela leruo la gagwe le bolawa ke lenyora a na le pompo mo lapeng.

Mothusa kgosi wa West-Hahahai, Rre Duxwa Xaogae a re borukhuthi bo a gola kwa motseng oo mme a kopa bagolo go tsenya bana mo tseleng ka go ba kgalemela.

Mokhanselara wa metse eo, Rre Kelebogile Taeyele o ne a lebogela leeto la mopalamente, a supa fa ba tlaa bereka mmogo sentle.

O tlhaloseditse morafe gore thomo e ba mo e rumileng, o e tsaya ka tlwaafalo ebile o setse a simolotse go batla ditharabololo tsa mathata a a ba amang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : EAST-HANAHAI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2020