Mabeleapudi o lopa therisano
23 Jan 2020
Banni ba Mabeleapudi kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba kopile mopalamente wa bone, Rre Baratiwa Mathoothe go rera le bone ka nako tsotlhe.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng.
Ba re ba solofetse go le go ntse thata mo go ene ka ebile a le monana.
Ba boletse fa dikgwetlho tsa bone di tlhoka therisano ya mopalamente le morafe.
Kgosi Sebonego Tebelelo o boletse fa go sena mapodisi mo kgotleng ya gagwe, selo se se dirang gore ditsheko di eme fela.
A re borukutlhi le jone bo ile magoletsa, ke sone se ba kopang mapodisi a special constable.
O boletse gape fa batho bangwe ba rekisa majalwa a a seng ka fa molaong, e bile ba rekisa ka nako tse di sa letlelelwang.
O boletse fa banana ba a nwa bojalwa phetelela mo ba felelang ba tlhoka botho.
Kgosi Tebelelo a re dikgosi ga di a sireletsega ka gore ka nako ya ipapaletso ditlhopho ba tshosediwa matshelo ke batho..
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse one a boletse fa a lebogela matlo a dikamore tse pedi, mme ga a ise a lekane.
Komiti e boletse fa sekolo se segolwane sa Patikwane se le mosuke e bile matlwana a borobalo a le makgasa.
Banni le bone ba ne ba ngongorega ka go tlhoka go dira sentle ga bana ba sekole seo, ba bolela fa ba feitse fela thata. Ba re jaanong ke mokgoleo go nna le bone kwa malwapeng, ka gore sekole sa tiro ya diatla le sone se fokoditse palo ya go ba tsaya.
Ba boletse fa ba tlhaelelwa ke baoki ebile kokelwana ya bone e sa tlhole e dira bosigo le motshegare.
Le fa go ntse jalo, ramapodise a Serowe le metse e emo tikologong, Superintendent Poloko Oteng o boleletse phuthego gore le fa mapodise a tlhaela, ba ba neng ba akantse go ba isa kwa Mabeleapudi, ba na le mathata a letlhoko la boroko.
O kaile gape fa ba tshwenngwa ke borukutlhi jwa dipolaano le go itseela dikobo ka dikgoka.
A re se se ngomolang pelo ke gore ba thubetsa le bananyana ba ba ko tlase ga dingwaga tse nne.
O kopile banni tshwaraganela go lwantsha borukutlhi, ka bogolo jang bo diragala mo matlhong a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MABELEAPUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2020