Breaking News

Kaodimba o ne a belaetsa - mosupi

23 Jan 2020

Mosupi wa mongongoregi mo tshekong ya go ngongorela maduo a ditlhopho, Rre Oitisitse Dikhuhang a re le fa a sa utlwa se se neng se buiwa ke mongwe wa leina la Rre Bajeleng Kaodimba o belaela gore o ne a leka go bapatsa phathi ya Domkrag ka letsatsi la ditlhopho.

O buile jalo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mo Gaborone ka Laboraro fa a ntsha bosupi mo tshekong e mo go yone, Rre Mogalakwe Mogalakwe wa phathi ya Alliance for Progressives (AP) a ikuelang kgatlhanong le maduo a ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2019 tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Mosolotshane/Moralane kwa kgaolong ya Shoshong.

Rre Dikhuhang a re ka letsatsi la ditlhopho ke mongwe wa ba ba gorogileng kwa matlhophelong ka nako ya bobedi mo mosong.

O tlhalosiste gore ka nako ya fa matlhophelo a bulwa, Rre Kaodimba ke mongwe wa ba ba neng ba fodile mola wa go tlhopha mme e le mongwe wa ba ba neng ba tsile morago ga gagwe.

Le fa go ntse jalo, o supile gore go ne go se sepe se se belaetsang ka nako e a neng a emetse go tlhopha.

“Ke feditse go tlhopha ka nako ya boroba bobedi mo mosong, mme yare morago ke le kwa lwapeng, ka iteelwa mogala ke Tefo Sametse a re go na le mongwe yo o tsamayang a ema ema fale le fale le batho ba ba emetseng go tlhopha, mme a belaela gore o ka tswa a polotika.”

A re o ne a tshwenngwa ke seemo se, ka jalo a boela kwa matlhophelong.

“Ke ne ka ema kwa ntle ga terata ya sekolo (matlhophelo), ke bo ke mmona a ntse a ema ema le batho. Ke ne ka leletsa rre wa lepodisi, yoo neng a tlhokometse matlhophelo, Rre Ratanang Gaoakanye ke mo itsise ka gore ke lepodisi la rona mo Moralane,” ga tlhalosa Rre Diphuhang.

A re o ne a bolelela lepodisi gore go na le mongwe wa leina la Bajeleng Kaodimba, yo o tsamayang le mola a ema ema le batho ba ba tsileng go tlhopha mme go belaesega a polotika.

Rre Dikhuhang a re Rre Gaoakanye o ne a mo araba ka gore le bone e le ba ba theogetseng mo tirong ya go tsamaisa ditlhopho ba lemogile seemo seo ka jalo ba etse motho yoo thoko.

“Le fa ke ne ke le ko ntle ga matlhophelo ke ne ka bona rre wa lepodisi a bua le Rre Kaodimba mme morago Rre Kaodimba o ne a tswela kwa ntle ga sekolo a tsamaya.

Le fa go ntse jalo, Rre Diphuhang a re o ne a na le dipelaelo tsa gore Rre Kaodimba o ka nna a boela kwa matlhophelong. “Le nna ke ne ka boela kwa lwapeng, le fa gone ke ne ke na le pelaelo ya gore o ka nna a bowa.”

E rile a botswa ke lekgotla gore o raya jang fa are motho o ne a polotika, e sere gongwe ba mo utlwa ka tsa ga morakile, Rre Dikhuhang a araba ka gore, “go polotika go a farologana, go mefuta mme ke belaela gore jaaka a ne a ntse a tsamaya a ema ema le batho ba ba fodileng jaana, ke belaela gore o ne a ba okela mo go tlhopheng phathi e a leng leloko la yone ya Domkrag.”

O tlhaloseditse lekgotla gore ke mongwe wa ba ba neng ba eme mo boemong jwa ga Rre Mogalakwe ba lebeletse ba ba dirang tse di duleng mo tseleng.

Rre Diphuhang a re o ne a boela gape kwa matlhophelong ka nako ya bobedi mo tshokologong go ya go tlhoma seemo leitlho, mme a fitlhela Rre Kaodimba a tsweletse a ntse a tsamaya le mola a ema ema le ba ba emetseng go tlhopha.

“Ke ne ke batla go bona tota gore se monna yo a se ganelelang mo matlhophelong ke eng.”

O tsweletse a supa gore e ne ya re a ntse a eme gaufi le kgoro ya sekolo, ke fa go goroga koloi ya modiro wa Nissan X-Trail, mme ya ema gaufi le fa a neng a le teng. Are Rre Kaodimba o ne a fefogela kwa go yone go kgatlhantsha bapagami.
 

“O ne ntsha karata e tshwantshitswe sekano sa jeke ka jalo a ba kaela gore fa ba tsena kwa matlhophelong ba kgwarinye sefapaano go bapa le sekano seo sa jeke ya Domkrag. Dikoloi tsa rona di ne di bapile thata, di kgomana ka mabati. Ke ne ke le mo koloing yame ke utlwa sengwe le sengwe se ba se buang.

Tsheko eo, e tla tswelela kgwedi ya Tlhakole e le lesome go tsena e le lesome le botlhano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : TSHEKO

Date : 23 Jan 2020