Breaking News

Begang dikgang tsa leruo le le tshwenyang

23 Jan 2020

 Moemedi wa ofisi ya melawana ya khansele kwa Kgatleng o rotloeditse Bakgatla go bega dikgang tsa leruo le le tshwenyang.

Rre Sipho Sibunga, yo o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, a re khansele ya Kgatleng e na le melao e e amang leruo mo motseng, mme go mo banning go bona gore melao e, e salwa morago.

“Re buile gore leruo le le nnang mo motseng le tshwanetse go tlhokomelwa ka nako tsotlhe, mme re utlwa dipego tsa gore batho ba tsweletse ka go bolotsa leruo la bone ba bo ba le tlogela le itsamaela le le nosi,” Rre Sibunga a tlhalosa.

A re morui yo o sa kgoneng go disa leruo la gagwe ka nako tsotlhe mme le nna mo motseng, a le fudusetse masimo kana morakeng.

A re leruo le le nnang mo motseng le sa tlhokomelwe le tlaa tsisetsa beng ba lone dikotlhao.

“Re ka otlhaya fela fa batho ba bega dikgang tse kwa ofising ya rona kana kwa mapodising,” Rre Sibunga a tlhalosa.

A re lantlha modira molato o lopiwa P2 000, mme fa a tswelela a ntse a sa tlhokomele leruo o lopiwa P50 000.

“Fa o palelwa ke go duela madi a, o kgona go atlholelwa kgolegelo,” Rre Sibunga a supa.

Mopalamente Pule, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente, a re le fa Tautona a ba romile go tsamaya lefatshe lotlhe go leboga Batswana go ba tlhopha ka kagiso le thokgamo, go mo maruding a batsadi go bona gore ba ruta bana neelano e ba e supileng.

A re o itumelela maiteko a puso a go fa bana ba dikole dijo tsa maphakela, a supa fa go itumedisa go utlwa banni ba Ramonaka le bone ba itumeletse tlhabololo e.

“Gantsi ke kopana le batho ba kgala mme kana go kgala fela re sa lemoge dintlha tse di botlhokwa pele ga gona mosola,” Rre Pule a tlhalosa.

O kgothaditse banni go nna mo dinakong ka go dirisa maranyane a wifi a re go dilo di le dintsi tse ba ka di akolang ka maranyane a jaaka dikgang tsa botsogo, kgwebo, go amogela le go romela madi le go itekodisa masika le ditsala.

“Lefatshe le ya ko goreng jaanong re dirise maranyane a wifi mo dilong ka bontsi,” Rre Pule a supa.

A re o dumalana le banni gore dikgang tsa botsogo di tshwanetse go potlakelwa a re o tshwenngwa ke gore batho ba tlhokafala ba letile go bonwa ke dingaka.

A re metse e tshwanetse go nna le dingaka tse di nnang koo di sa ete jaaka e le tlwaelo.

“Dipalo tsa batho di godile mme re tshwanetse go itsosa rele puso,” Rre Pule a tlhalosa.

 A re go tshwanetswe ga duwa ka tharabololo ya go bona gore metse ya Sikwane le Ramonaka e ka golela kae.

“Seemo sa gompieno ke gore metse yotlhe ka bobedi e fa gare ga metse e mengwe, jaanong ga e sa tlhole e gola, mme batho bone ba oketsega,” Rre Pule a kaya.

A re o tlaa sala kgang ya gore molelwane wa Sikwane o godisiwe, mme puso e tshwanetse go tsenya leitlho kgaolo ka e na le bokgoni jwa go jesa Batswana le mafatshe a mangwe.

“Ditsela fa di dirwa go tsile go nna le mosuke mme ke tshwanelo ya gore re bone gore mololwane wa Sikwane le one wa gola go amogela dipalo le go godisa dikgwebo le itsholelo,” Rre Pule a supa.

A re tsela ya Lentswe-la-theku-Modipane e tshwanetse go potlakelwa ka ke yone e ka fokotsang mosuke wa go ya Gaborone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : RAMONAKA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2020