Breaking News

Letsholo la go senka kwena le tsweletse

23 Jan 2020

Mapodisi a kasane ba bolela fa letsholo la go senka kwena e e neng ya phamola mosimanyana wa dingwaga tse supa ko nokeng ya Chobe kgwedi eno e le lesome le borataro le tsweletse.

“Re na le malatsi a le marataro re ntse re le mo maitekong a go batla kwena e e jeleng ngwana, mme mo bogompienong ga re ise re bone sepe ka gore go kilwe ga bolawa kwena e le nosi go ka seka seka masalela a ngwana mo go yone mme ga re a fitlhela sepe’’, Motshwaralela ramapodisi a Kasane, Rre James Kabangu o ne a bolela mo potsolotsong.

Rre Kabangu are ba ne ba tshwaraganetse tiro e, le ba lephata la diphologolo ba ba neng ba ba thusa ka mangwe matsipa a go ka tshwara dikwena tse dingwe gore ba senke masalela a ngwana mo go tsone.

‘’ Maiteko a rona a go batla a santse a tsweletse, ebile ga rena nako ya gore re tlile go emisa go batla go fitlhelela leng ka gore le fa bagolo ko lwapeng ba ka re re emise, tiro ya rona re le ba sepodisi ke go nna re ntse re tlhatlhoba go fitlhelela le rona re itlhoboga’’, o ne a tlhalosa.

Go tlhalosiwa fa mosimanyana yoo le ba bangwe ba le babedi ba ne ba romilwe go isa lokwalo ko Mowana Lodge mme morago ga go diragatsa thomo, ba ne ba ya go thuma kwa nokeng kwa e rileng ba tsena teng moswi a nna ene wa ntlha go itatlhela mo metsing mme kwena ya mo phamola.

Rre Kabangu are e le ba sepodisi, ba ne ba begelwa ka tiragalo eo mo maitseboeng a Labone mme ba ne ba tsamaya ba ya kwa lefelong la tiragalo.

O ne a tswelela a tlhalosa gore ga se lantlha tiragalo ya mofuta o, e diragala ka gore go kile ga nna le dipego tsa mofuta o bogologolo mme ba ne ba kgona go atlega mo go tsone.

O ne a gakolola sechaba go tlhokomela bana, le go ba itsa go ya go tshamekela kwa nokeng.

Mo potsolosong le babega dikgang, moemedi wa lelwapa le le latlhegetsweng, Rre Mowa Mabika are ba itumeletse kemo nokeng e ba e filweng ke ba sepodisi, lephata la diphologolo ga mmogo le sechaba ka kakaretso.

O kopile batho go nna ba ntse ba ba senkisa ngwana wa bone fa ba tla nokeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kasane

Event : Potsolotso

Date : 23 Jan 2020