Kokelo ya Kanye e tlaa agiwa
22 Jan 2020
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo, o tlhaloseditse banni ba Moshana gore kokelo ya Kanye e tsentswe mo ditogamaanong tsa ditlhabololo.
Rre Letsholo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo.
O tlhalositse fa tona wa Botsogo le Boitekanelo Dr Lemogang Kwape a supile fa kokelo eo e tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo la ngwaga oo simologang ebile a e kopetse madi.
Mopalamente a re kgaolo e tswa kgakala e thusiwa ke kokelo ya kereke ya Sabata, selo se a reng ba a se lebogela.
Mme a re go lemosegile gore ga go a lekana ka jaana dipalo di godile.
A re go utlwala gape fa kokelo eo jaanong e le mo dithulaganyong tsa go ikemela, selo se a reng se ka tla go turela banni ka jalo go tlhokafala kokelo ya puso.
Gape o ba lekodisitse fa tona wa tlhabololo banana, metshameko le ngwao, Rre Tumiso Rakgare a emetse go bontshiwa fa lebala la metshameko le ka agwang teng kwa Kanye.
A re mo nakong ya gompieno, go na le mafelo a le mabedi a go akanyediwang gore lebala leo le ka agiwa mo go one.
Mo go tse dingwe, Rre Letsholo o supile fa a eletsa go kopana le bagogi ba khamphane ee epang konkoreiti kwa kwaring ya Moshana.
A re khamphane eo e a thusa, mme ga go a lekana a ba a supa fa tona wa Meepo, Kgotetso le Kgopo ya Metsi aa Leswe Rre Kefentse Mzwinila a solofeditse go etela motse oo.
Fa a ba lekodisa ka dikgang tsa Palamente, Rre Letsholo o boletse fa a ntshitse mogopolo wa gore ditiro tsa puso tsa madi a a sa feteng P10 million di neelwe Batswana.
Gape o supile fa a beile Palamente pele mogopolo wa gore puso e re e reka dithoto kwa ntle e bo e dira gore Batswana ke bone ba di ise kwa di tshwanetseng go ya teng.
A re o lemogile gore go le gantsi batswakwa ke bone ba felelang ba akola.
Rre Letsholo o ne a tlhalosa fa a itlamile go direla kgaolo ya gagwe ka bojotlhe le boineelo.
A re morongwa wa setshaba ga a tshwanela go nna marota bogolo jang mo go ba ba mo romileng.
Mme o tlhalositse fa a ka kgona thomo fela fa ba ka tshwaragana le ene ka Motswana a re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.
O supile gape fa a eletsa go kopana le baeteledipele ba kgaolo ba pele go supa tlotlo le go ba lebogela seabe sa bone.
A re go botlhokwa go tlotla motho a santse a le mo botshelong.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Seate Marumo o ne a ikuela mo go mopalamente ka letamo la Polaamotho le a reng le ba feleditse leruo.
A re dikgomo tsa bone di tshwarwa ke seretse mo letamong leo mme a kopa gore le akanyediwe gore le ka tokafadiwa jang.
Kgosi Marumo gape o ikuetse ka setlhare sa mokgwapha se se anameng mo motseng wa gagwe.
A re go na le makgowa a a neng a jwala mokgwapha mo motseng o o jaanong o le gongwe le gongwe mo o kgoreletsang peo ya ditsha.
Kgosi o ikuetse ka mafuti aa tlogetsweng ke bangwe baba kileng ba epa ditswammung koo.
A re ba tswa kgakala ba lela ka mafuti aa epilweng ka jaana a le borai mo go bone.
Modulasetilo wa ditlhabolo tsa motse, Rre Wapula Kealeboganyana, o ne a lebogela kago ya diofisi tsa mapodisi, dipone tse di tsentsweng mo kgotleng le ntlo ya boipelego.
Rre Kealeboganyana a re go na le ntlo ya sekole sa bananyana a re mathata ke gore ga e bereke mme a kopa gore e busediwe mo tirisong ka jaana ebile bangwe ba setse ba e thubile difensetere.
O ne a kopa dipone tsa mo mekgwatlheng le kwa sekoleng a tlhalosa fa lefifi le oka dirukutlhi.
Gape a re baoki ba nna kgakala le tiro selo se a reng se ba kgoreletsa go dira tiro ka bojotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : MOSHANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2020