Breaking News

Leruo le baka tshenyo mo masimong

22 Jan 2020

Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkwane kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima o gwetlhile banni go tlhokomela leruo la bone go tila gore le bake tshenyo kwa masimong.

O buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Simon Moabi kwa Nlapkwane, Mapoka le Kgari.

Kgosi Mudongo a re  bangwe ba ba lemileng ba setse ba amogetse dikgang di le mmalwa tsa tshenyo e e bakilweng ke leruo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nlapkwane, Rre Never Lenyatso o ne a lebogela go bo motlakase o setse o phatlhaladitswe mo dintlheng tsotlhe tsa motse.

Banni ba Nlapkwane ba ile gape ba supa fa ba itumelela go agiwa ga motlobo wa dibuka.

Kwa Mapoka, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Godfrey Keganne o ne a lebogela go agiwa ga leobo la kgotla le gore sekolo se se botlana sa Mapoka se na le barutabana ba ba lekaneng.

Kwa Kgari, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Thomas Chabalala, o ne a lebogela diofisi tsa kgotla tse di sa tswang go agiwa, a re mme sebe sa phiri ke go bo koloi le didirisiwa dingwe di ise di goroge.

O ne a itsise mopalamente fa sekolo se sebotlana se dikile se ntshitse maduo a a nametsang mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.

Rre Chabalala o ne a bo a rolela hutshe mapodise a a direlang mo motseng wa bone, a re ba dira tiro ya bone ka botlalo.

Mopalamente Moabi o ne a akgola banni ba metse eo, a re le ntswa ba na le matshwenyego, ba bone go le maleba go leboga maiteko mangwe a puso e a dirileng mo metseng ya bone.

O ne a kopa banni go bereka ba le seopo sengwe le go tswa ka maano a a ka ba kgontshang go sola molemo ditsa tlholego tse di mo tikologong ya bone, a re seo se ka thusa metse ya bone go tlhabantsha tlhaelo ya ditiro.

O ne a ba gakolola go kgothatsa bana go ithuta le go tshegetsa ngwao ya bone, gore e seka ya ba tswa ka phatlha tsa menwana.

Mopalamente Moabi o ne a ba tshepisa fa a tla sala morago le go fetisetsa matshwenyego mangwe a bone kwa go ba ba lebaneng.

Banni ba metse ka boraro ba ne ba leboga maiteko a puso tebang le ditlhabololo dingwe tse di dirilweng mo metseng ya bone, tse dingwe tsa tsone di dirilweng ka madi a ditlhabololo a a abelwang dikgaolo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : NLAPKWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jan 2020