Lenyora ga le robatse Draaihoek
22 Jan 2020
Banni ba Draaihoek kwa Kgalagadi Borwa ba lela ka letlhoko la metsi selo se ba reng se dia ditiro tsa ditlhabololo.
Ba buile jalo mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo, Rre Sam Brooks, bosheng.
Ba ne ba kopa mopalamente go ba kopela puso go tsisa ditlamelo tse di tlhokegang jaaka metsi.
Kgosi wa Draaihoek, Rre Charles Bimbo, o tlhalositse fa lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba.
A re metsi ke konokono ka jalo go botlhokwa gore puso e tsibogele seemo sa motse oo.
Banni ba tshelelwa metsi ke khamphane ya Water Utilities Corporation (WUC) ka teraka ba beile ditanka, dikupu le di emere mo tseleng. Selo se Kgosi Bimbo a reng se borai fela thata mo matshelong a bone.
A re puso e ne e kile ya solofetsa go ba epela didiba di le pedi, mme maikaelelo ao a seka a diragala.
Megopolo e ne ya tswa ya gore metsi a pompiwe go tswa kwa Werda mme le jaana seo ga se ise se diragale.
Kgosi Bimbo o tlhalositse gape gore banana ba fiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma mme metsi ke kgwetlho.
A re dirukutlhi di amoga banni dihutshane tsa bone, ka jalo se se gakatse lehuma.
A re seo ke matshwenyego a matona a ba setseng ba a roletse mapodisi.
Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tebogo Disono le ene o ngongoregile ka letlhoko la metsi.
O gateletse mafoko a ga kgosi a gore bogodu jwa leruo bo ile magoletsa a tlatsa ka gore seemo se simolotse go nna maswe ka ngwaga wa 2017.
Mongwe wa banni, Rre Kebiditswe Kgaodi o kopile gore dithata tsa go phatlalatsa metsi di busediwe kwa dikhanseleng ka gore e sale e re WUC e neelwa marapo metsi a bo a simolola go tlhokega kwa motseng oo.
Rre John Aymen ene o ngongoregetse dituelo tsa metsi, tse a reng di kwa godimo lentswa ba sa nwe metsi sentle.
Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Brooks o ba solofeditse gore o tlaa emela ka dinao matshwenyego a bone kwa palamenteng.
O ne a tlhalosa gore ga gona sepe se se ka diragalang fa go sena metsi.
A re go ne go solofetswe gore kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing ngwaga o o fetileng, go tla a bo go na le metsi kwa Draaihoek le Makopong, ka maswabi ga go a diragala ka go ne ga nna le dikgwetlho tsa madi.
E re lentswa go ntse jalo, ditogamaano di tsweletse go senka madi gore metsi a goroge kwa metseng eo.
A re o ikaelela go tlhabolola bojanala mo dingwageng tse tlhano fa a le mo setilong.
A re ditsa-tlholego tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di tshwanetse go itsiwe kwa ntle ga lefatshe la Botswana go oka bajanala.
“Re na le ditalente tse di farologaneng mme re tshwanetse ra di ribolola”.
Mo go tsa temo-thuo, a re maikaelelo ke go tsosolosa dikomiti tsa barui.
Rre Brooks o ne a gatelelela gore go tlaa tshwarwa ditshupo tsa leruo mo barui ba tlaa kwatabololang maele mo go ba ba kgonneng.
O boletse fa tsela e budule ka jaana Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a laotse gore mananeo a puso otlhe seka-sekwe go a tlhabololwa gore a tle a thuse Batswana go itshetsa.
O lebogetse botlhe ba ba tlhophileng, mme a kopa gore mapolotiki otlhe a goge ka jokwe e le nngwe le ntswa e le ba diphathi tse di farologaneng.
Rre Brooks a re tshwaragano le popagano di ka tsisa ditlhabololo mo kgaolong eo.
Moemedi wa WUC, Rre Thatayaone Warona o tlhaloseditse banni ba Draaihoek gore ba nna fa go senang metsi a mantsi ka fa tlase ga lefatshe.
A re ditlhotlhomiso tsa baitseanape ba metsi di supa fa metsi a a bonweng a le ko tlase mme a ka nosa masome a mane fela mo lekgolong.
Rre Warona a re maiteko a tsweletse go leka go ba tsisetsa metsi, a tlatsa ka gore go tsisa metsi mo sekgaleng sa masome a mararo a dikhilomethara ke namane e tona ya tiro e e tlhokang didikadike tsa madi.
Mme e ne ya re ka 2019, ba kgona go bona madi a ba tlaa a dirisang go ba tsisetsa metsi go tswa ko Werda. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : DRAAIHOEK
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2020