Banni ba lela ka seemo sa ditsela kwa Palapye
22 Jan 2020
Banni ba Palapye Extention 5 le 7 ba ngongoregela seemo sa ditsela se ba reng se ba apesitse kobo ka letshoba.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Palapye, Rre Onnetse Ramogapi bosheng.
Ba ne ba tlhalosa fa seemo se bifela pele ka nako ya dipula ka metsi a tla a elela le mebila mme a bake merwalela mo malwapeng le go epa tsela.
Ba ne ba kopa mopalamente go bua le lephata la ditsela go leka go bona gore seemo se se ka rarabololwa jang.
Ba re gongwe fa ditsela di ka tshelwa motlhaba le konkoreite seemo sa go epega ga tsone go ka tokafala.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Onnetse Ramogapi o ne a solofetsa banni gore o tlaa dira ka natla go tsibogela seemo seo.
O ne a tlhalosa fa maikaelelo magolo a diphuthego e le go reetsa le go tsibogela matshwenyo a banni ba kgaolo ya gagwe.
O tsweletse ka gore o tlaa tshwaragana le makhanselera otlhe go dira tsotlhe ke di ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong mme ba dire ka boineelo.
Mo go tse dingwe, mokwaledi wa khansele, Rre Lucky Maoto, o ne a gakolola banni ba Palapye go nna le seabe mo tlhokomelong ya dithoto jaaka mafelo a House of Hope Foundation, marekisetso a leokwane a Puma Energy, ga reng ga tse dingwe.
O tsweletse ka gore ba tshwanetse go batlisisa le go itse se se diragalang ka dithoto tsa kgaolo ya bone, a re se se ka itsa go latlhegelwa ke dithoto tsa bone ba sa itse.
Mokhanselera wa Extention 7, Mme Segametsi Ralegoreng o ne a lebogela mopalamente go ba bega semmuso mo setshabeng a re se se ba neela tetla ya gore ba ka simolola go buisa diphuthego ba le nosi mo dikgotleng.
O ne a rotloetsa banni ba Extention 7 go tswelela ba ikgolaganya le ofisi ya gagwe le ya le mopalamente go araba dilelo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Mososo
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2020