Methale e mesha ya temo e na le dipoelo - Molebatsi
22 Jan 2020
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, o rotloeditse banni ba Mogapi le Mogapinyana go inaakanya le methale e mesha ya temo ka e ka ba sologela molemo.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Molebatsi o supile fa dikgatlhego tsa gagwe di itebagantse thata le go tlhabolola botshelo jwa motho.
O tlhalositse fa phetogo ya loapi e kokonela balemi barui, ka jalo a tlhalosa fa temo ya nosetso le bojanala di le bogadi bo gaufi.
Rre Molebatsi a re Batswana ba tshwanetse go fetola ka fa ba akanyang ka teng, mme ba dirise methale e mesha ya temo.
O rotloeditse banni ba Mogapi le Mogapinyana go ipopa ditlhophana gore ba kgone go tsaya mananeo a puso go itshimololela dikgwebo.
Mopalamente Molebatsi o solofeditse go ema nokeng banni ba metse eo gore e re mo nakong e e tlang ditswa temong di bo di rekwa kwa Mmadinare.
O ne a supa fa metse e mebedi eo, e dikaganyeditswe ke makhubu a a ka tlhabololwang go okela bajanala kwa metseng ya bone, selo se se ka ba tlhamelang mebereko le go tsenya madi.
Le fa gontse jalo, kgosi wa Mogapi, Rre Boago Monnawapula o ne a kopa mopalamente gore e re mo nakong e e tlang a laletse lephata la tshomarelo tikologo le dikgwa go etela motse wa bone.
Kgosi Monnawapula a re barui ba kgaolo ya gagwe ga ba sa tlhole ba rekisa dikgomo ka lebaka la bolwetse jwa mabele.
A re se se bakilwe ke batho ba ba bapalang phane go tswa kwa mafelong a a kgakala, ba ba thibelelang kwa nageng kwa go senang matlo a boitiketso teng.
A re se se tsenya matshelo a batho ba tikologo eo mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse ka go ithomelwa gongwe le gonwe le go tlogela matlakala a e reng a kgotlela tikologo. Sub Inspector Tebogo
Ramoshebi wa Mogapinyana o supile fa mapodisi a sa robatswe ke majalwa a a nowang mo motseng oo ka jaana dititeo le dipetelelo di diragala go ne koo.
Rre Ramoshebi o ne a supa fa go simolola ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o fetileng, go tsena mono ngwaga ba setse ba kwadisitse dikgang di feta lekgolo tse di akaretsang go betsa mo go bakang dikgolo, fa tse tlhano e le tsa petelelo ya bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome le bongwe.
Sub Inspector Ramoshebi o supile fa batsadi ba apaya majalwa mme ba a rekisa pele ga nako e e beilweng, a ba tlhagisa fa se e le go tlola molao.
O supile fa bojalwa jwa setswana bo tshwanetse go simolola go rekisiwa ka nako ya lesome mo mosong go ya go tsena ka nako ya borobabobedi bosigo.
Mokhanselara wa Mogapinyana Rre Asala Masheleng o ne a supa fa khamphane ya Metal Works, e ne e dira sentle mo e neng e tlhametse banana ba motse ditiro mme mo nakong ya gompieno e phuphame.
Rre Masheleng a re o itlama go bereka le mopalamente le baeteledipele ba ba fetileng go bona gore khamphane eo e tsweledisa fa e neng e eme teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MOGAPI/MOGAPINYANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2020