Breaking News

Therisanyo ka kokelo e tsweletse

22 Jan 2020

Mopalamente wa Mochudi Bophirima o kopile Bakgatla go mo leta go tsweledisa therisanyo ya gagwe le Tona wa Botsogo le Boitekanelo mabapi le ditsholofetso tsa puso tsa go agela morafe kokelo e nngwe.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi bosheng, Rre Mmusi Kgafela, o boletse fa banni ba sa bolo go kopa kokelo e nngwe mme puso e ne ya itlama go dira jalo ka go tsenya thulaganyo e mo bukaneng ya ditlhabololo tsa lesome le bongwe (NDP 11).

A re go ne ga tsewa tshwetso ya gore kokelo ya Deborah Retief Memorial (DRM) yone e seka ya thubiwa.

“Dipalo tsa morafe di godile, gape lefelo le sepatela sa DRM le agilweng mo go lone ga le a siamela  bagodi, ba dikgobalo tse di masisi le botlhe fela ba ba palelwang ke go tsamaa sentle. Ga ba kgone go anya dithuso sentle ka se agilwe mo godimo ga matlapa,” mopalamente a tlhalosa.

Rre Kgafela, yo gape e leng Tona wa Lephata la Dikago le Tlhabololo Matlo, o ne gape a tlhalosetsa Bakgatla ka kgang ya go agiwa ga leobo la kgotla ya Mochudi. A re pego ya ofisi ya ga molaodi e tlhalosa fa go neetswe khamphane ya Surf Turf Architects go dira ditshwantsho tsa leobo. “Re feng sebaka ka tiro e, e setswe morago. Ba ba lebaneng ba e emetse ka dinao. Tiro ya kago ya leobo go supega fa e tla lopa P1.3 million,” a tshwaela.

Mo go tse dingwe, Rre Kgafela o kopile banni go tlhaloganya fa a filwe boikarabelo jwa go nna tona, se se raa gore ba mo tlhakanetse le setshaba, mme go sa ree gore ga a kake a bonala mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi.

A re o kopile makhanselara go nna matlho le moriti wa gagwe mo kgaolong fa a santse a tshwerwe ke ditiro tsa bo tona.

O tsweletse a kgala dipego tsa gore Bakgatla ba Botswana le ba Afrika Borwa ba kgaogane, a re ga gona boaamaruri mo dipegong tse. “Tsenyang leitlho sengwe le sengwe se se dirwang kwa Mmamitlwe ke kgosikgolo ya rona Kgosi Kgafela II, o direla rona, a re mo tshegetseng re mo tswe mokgosi fa a re bitsa,” ga tswelela Rre Kgafela.

O tsweletse a rurifaletsa Bakgatla fa makhanselara a mo eme nokeng, mme ba solofetsa fa ba tsile go bereka le mongwe le mongwe ba sa kgwetholole ka bong, mmala, tumelo le polotiki.

“Re batho, re tsalwa le diphoso le go lebala, mme a re gakololaneng ka maitseo, tlhompho, tlotlo, lorato re baakanye,” a rialo.

A re ene ebile o simolotse go dirisa maranyane kwa ofising ya mopalamente go tila go lebala, mme o solofela fa e tla nna nngwe ya diphetogo tse a tla di isang le kwa ofising ya gagwe ya tona le maphata ka go farologana.

O tsweletse a sedimosa fa go na le ditiro tse pedi tsa moruthutha mo kgaolong ya gagwe, ele ya sekiti sa matlakala mo tseleng ya A1 le letsibogo la Phalane.

A re ditsholofelo ene ele gore go tla a dirisiwa madi a kgaolo a ditlhabololo go aga sekitti se sesha kana go tsibogela kgang ya letsibogo la Phalane.

Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi kgolo, Kgosi Bana Sekai o supile fa mapalamente a Kgatleng ba bone gole matshwanedi go simolodisa diphuthego tsa dikgotla tsa bone mo Mochudi, ele yone tshimolodiso ya tsamaiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jan 2020