Breaking News

Kablay o kgothatsa banni ba Malwelwe

22 Jan 2020

Mopalamente wa Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay, a re ke tshwanelo ya mongwe le mongwe go ikuela kwa makgotleng a ditsheko fa a sa itumelele sengwe.

Ka jalo o boleletse banni ba Malwelwe bosheng gore ba seka ba kgaolwa pelo ke gore go na le tsheko ee amanang le ditlhopho tsa bokhanselara jwa kgaolo eo.

O ne a tlhalosa fa a ka seke a tsene mo kgannyeng ka botlalo ka e santse e le fa pele ga lekgotla.

E re dikgang di eme jalo, Rre Kablay o lebogetse banni ba  Malwelwe go mo tlhopha gape.

A re Botswana o itsiwe ka kagiso le thokgamo mme seo se tsweletse ka go itshupa ka nako ya ditlhopho.

Rre Kablay o ne a bolelela morafe fa ba tla bo ba ya palamenteng ya go kgaoganya madi a setshaba mme sengwe sa dilo tse ba yang go itebaganya le tsone ke go tokafatsa thuto mo dikolong.

A re seo se tlaa thusa gore seemo sa thuto mo dikolong tsa dikgaolo se tokafale fela thata mme e bile di nne le ditsompelo tsotlhe tse di tlhokafalang gore baithuti ba dire sentle.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse,  Mme Babolotse Moremi a re ba lebogela gore maduo a bana mo sekolong sa bone a bo a tokafetse.

A re thuto ya bana e botlhokwa fela thata ka jaaka e le babusi ba kamoso mme go dira sentle ga bone kwa sekolong go ba fa sebaka sa go tswelela pele ba ithuta.

Mme Moremi a re ba tsweletse sentle ka mananeo a puso a go tokafatsa matshelo a bone mme le fa go ntse jalo mananeo mangwe a saletse kwa morago.

A re lenaneo la bone la ditena  ga le ise le simolole mme seo ke poelo morago mo go bone ka banni ba ne ba tlaa bona tiro mo lenaneong leo.

Modulasetilo a re ba santse ba na le letlhoko la boroko jwa badirelapuso mme bangwe ga ba nne sentle mo matlong a ba nnang mo go one mme seemo seo se tshwanetse sa tokafadiwa.

Kgosi Bokau Tobe ene o ne a kopa gore puso e ba thuse ka go baakanya sekolo sa bone ka se le mo seemong se sa itumediseng.

O ne gape a kopa puso go baakanya tsela e e ba gokaganyang le Diphuduhudu ka e le mo seemong se se sa itumediseng.

Kgosi Tobe a re ba batla tsela ya sekonotere gore ditlhabololo di tle di tle mo motseng wa bone.

Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Joseph Segopa, a re ba itse sentle ka seemo sa sekolo sa motse oo, mme ba mo thulaganyong ya go baakanya.

A re khansele ya gagwe e lebanywe ke kgwetlho e tona ya madi mme ka jalo ga ba kgona gore dikolo tsotlhe tse ba neng ba akantse go di baakanya ba di baakanye mo ngwageng ono wa madi.

Rre Segopa a re le fa go ntse jalo e tla a re mo ngwageng wa madi o o tlang ba sekegele selelo sa bone tsebe.

O ne a kopa komiti ya ditlhabololo go tla ka methale e mengwe ya go leka go fedisa letlhoko la boroko mo motseng wa bone jaaka go dirisa lenaneo la LG1109 go aga matlo a ba ka a hirisetsang badirela puso.

Mothusa mokwaledi wa khansele o ne gape a ba kopa gore mo dikopong tsa bone tsa ditlhabololo ba akanye tse dikgolwane go na le tse dinnye tse ba nnang ba di kopa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MALWELWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jan 2020