Madi a mmele a a tlhaela
22 Jan 2020
Puso e tshwenngwa ke seemo sa tlhaelo ya madi a mmele. Fa a bua morago ga mogwanto o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa First National Bank Foundation ka Tshipi, mogolwane wa sepodisi kwa Serowe,
Superintendent Poloko Oteng o ne a tlhalosa fa go le molemo go bona makalana mangwe a tsibogela seemo se.
Superintendent Oteng a re lefatshe leno le tlhoka dipaente tse 45 000 tsa madi ka ngwaga.
Superintendent Oteng o ikuetse mo go ba ba neng ba tsile go gwanta, go rotloetsa ba masika go aba madi go somarela matshelo.
A re ka motsotso mongwe le mongwe, gona le motho yo o tlhokang go tshelwa madi.
Superintendent Oteng a re mafatshe a mangwe ga a na go ka kopa madi kana go a beela diemo tse, a supa fa go le motlhofo go dira jalo mono ka go na le baithaopi ba ba abang madi ka thulaganyo le ba botsogo.
A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ikitaya ka thupana go aba madi.
Motho yo o abang madi a mmele o tshwanelwa ke gonna bokete jwa 40kg kana go feta gape a le dingwaga di 17 go tsena ka 65 ebile a itekanetse.
Superintendent Oteng o gwetlhile banana go tsaya karolo mo go abeng madi.
Inspector Relebatseng Thataemang, yo gape e leng moetelediple mo go tsa twantsho kgokgontsho ya bong, o kaile fa ka dinako dingwe kgokgontsho e baka dikgobalo tse ditlhokang gore motho a tshelwe madi, a supa fa kgokgontsho e le sengwe sa tse di ka lwantshiwang ke setshaba sa bo sa e fedisa.
A re mongwe le mongwe a tseye boikarabelo go lwantsha kgokgontsho e e jweleletseng mo malwapeng, mme e sa begelwe ba ba maleba go thusa. O supile fa sepodisi se eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ka mefuta yotllhe ya yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso simon
Location : Serowe
Event : Mogwanto
Date : 22 Jan 2020