Banni ba Motokwe ba lela ka lenyora
22 Jan 2020
Banni ba Motokwe kwa kgaolong ya Takatokwane ba re tlhaelo ya metsi e ba jesetsa mo kgobedung.
Ba buile se kwa phuthegong ya mopalamente wa bone, Rre Friction Leuwe bosheng.
Ba re metsi a kgala kgapekgapetsa mme seo se ba tlogele mo lenyoreng.
Kgosi wa motse oo, Rre Batho Tshoso, a re sebe sa phiri ke gore ba dirisa sediba se le sengwe fela go nosa motse otlhe mme fa sena le mathata letlhoko la metsi le ya kwa godimo.
Kgosi Tshoso o supile fa sediba seo gape se le fa gare ga motse mme khamphane ya metsi ya Water Utilities Coroporattion (WUC) e tshwanetse go a tlhatlhoba morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro.
A re seo se raya gore mo tsamaong ya nako ga bana go tlhola ba se dirisa ka metsi a sone a tla bo a kgotlelesegile mme a sa kake a dirisiwa go nowa.
Kgosi o ne gape a re WUC e sale e ba solofetsa go ba gokelela sediba sa bobedi gore se thuse se se ba nosang mo nakong ya gompieno mme nako kgolo ke eno. Mme Mmamanyane Ramongwe a re le letlhoko la metsi mo motseng wa bone le a tshwenya mme le fa go ntse jalo ba tsweletse ka go lefisiwa dituelo tsa metsi a a se yong.
A re ntle le moo, o tshwenngwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa metsi mme seo se ba kokonela ba le bantsi ka jaana bangwe ba felela ba palelwa ke go duela metsi.
A re o ka leboga thata fa puso e ka tsaya tshwetso ya go busetsa metsi kwa dikhanseleng jaaka go ne gontse pele ka a dumela gore seo se tlaa nna molemo.
Mme Ramongwe a re ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duela metsi kwa Letlhakeng mme a re o kopa gore ba nne le tsela nngwe e ba ka ba thusang ka yone ka le one madi ba sena nao mme bogolo nne ba ka a dirisa mo go dueling metsi.
E rile go le pele Kgosi Tshoso a supa fa a sa itumelele tiego ya ditiro tsa lenaneo la LG1109 le a reng ga gona epe tiro e e wetseng ya lone. Seo sene sa supiwa gape ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Diile Mathame yo o neng a re ba na le project lenaneo la ditena, ya go shafatsa holo ya motse le go aga ntlo ya LA2.
A re ba na le tlhaelo e ntsi ya boroko jwa bodiredi mo motseng mme seo se helela se pateletsa bangwe go palelwa ke go tla go simolola tiro gore ba thusa morafe wa Motokwe.
Rre Leuwe o ne a leboga morafe a ba solofetsa go tsaya matshwenyego a bone. A re o lebogela gore ba bonye a tshwanela go ka mo roma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOTOKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2020