Breaking News

Lesaso o solofetsa therisanyo

21 Jan 2020

Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o solofeditse banni ba Shoshong, Tobela le Bonwapitse fa a tlaa ba etelela pele ka therisano, tirisano mmogo le poifo Modimo.

Rre Lesaso o buile se fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng.

O kopile banni go seegela fa tlhoko dipharologano tsa bone tsa sepolotiki mme ba thuse go tlhabolola motse wa bone.

Rre Lesaso o lebogetse sebaka se banni ba kgaolo ya Shoshong ba se mo neetseng go ba etelela pele mme a ba solofetsa kemedi ya motia kwa palamenteng.

O supile fa kgaolo e saletse kwa morago mo ditlhabololong jaaka ditlamelo tsa botsogo le tshireletsego mme a kopa gore morafe o tshwaraganele go tlhabolola motse.

A re o tlaa itebaganya le ditsela tsa Shoshong ka a na le dithutego tse di haphegileng mo karolong eo.

Mopalamente Lesaso o kaile fa a na le mogopolo o o pharologano le mothale o o dirisitsweng mo ditseleng tse di tsenang mo Shoshong wa go dirisa ditena o a supileng fa o sa siamela kgaolo e e tshabelelwang ke merwalela.

“Go dirilwe dinokana ka ditsela tse tsa ditena, ga o kake wa dira tsela o sa e direla fa metsi a tswelang teng kana fa a fetang teng,” Rre Lesaso a tlhalosa.

O boleletse banni ba Shoshong fa motse wa bone o tshwanelwa ke go tlotlomadiwa ka gore o na le ditso tse di humileng tse di tlhabolotseng lefatshe, a kaya fa ditso di tlhalosa gore fa makgowa ba tla mo Botswana mabapi le dipapadisano ba tswa kwa Cape Town, ba ne ba kopanela kwa Shoshong.

A re go a gakgamatsa gore e re Shoshong a na le palo ya batho e ka tshwara 20 000, banni ba bo ba santse ba latela ditirelo dingwe kwa Mahalapye.

A re Shoshong o lekane gore diofisi tsotlhe tsa ditirelo tsa puso di bo di fitlhelwa teng.

Mopalamente Lesaso o supile matshwenyego ka seemo sa thuto kwa kgaolong ya Shoshong mme a itlama go se emela ka dinao.

A re sekole sa Shoshong senior ke matlhabisa ditlhong ka bana ba robala mo malaong a a senang materase, selo se a supileng fa e le sekgoreletsi mo maikaelelong a go ntsha maduo a mantle mme a kopa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.

O kopile batsadi go kgalema bana mme ba ba senang tsebe ebile ba senya kwa sekoleng ba tlaa isiwa fa pele ga magosi le mapodisi.

O solofeditse banni ba Shoshong fa a tlaa lwa ka gotlhe go netefatsa gore sengwe sa dikole tse di kgolwane tsa kgaolo se nne le boroko jwa bana go hema seemo se batsadi ba iphitlhelang ba le mo go sone ba romela bana kwa dikoleng tse di kgakala le bone.
Rre Lesaso o kaile fa a ikaelela go tsosolosa sekole se se ikemetseng sa morafe sa study group a re ke matlota le ntswa se nnile le seabe se setona mo go ntsheng barutegi ba tlhotlhwa kwa Shoshong.
A re ngwana o tshwanetse go nna gautshwane le motsadi ka nako tsotlhe gore a kgone go mo tlamela le go mo kaela tsela.

Rre Lesaso o solofeditse fa ofisi ya gagwe e tlaa dira ditshekatsheko go tsenya leitlho bagodi ba ba nnang ba le nosi, go bona gore a botsogo jwa bone ke jone, a ba tshela sentle, ba ja sentle ebile ba na le bonno jo bo siameng.

Rre Othusitse Mogale wa kgotla ya Bokaa o ne a ikuela mo go mopalamente gore fa e sale Tlhakole ngogola kgopho ya metsi a a leswe go tswa mo matlong e sa tsamae sentle mme phetolo e ba e newang ke gore metshini ga ise e siame.

O dumalane le mopalamente gore go dira tsela ka ditena ga go a siamela motse.

Monana Mme Joyce Kgosimore ene o supile fa a itumeletse maitlamo a mopalamente mme a tlhalosa fa ba itse fa e se sengwe le sengwe se se ka kgonagalang mme a mo kopa go bereka le banana ba kgaolo ba ba kwa ditoropong go tlhabolola motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2020